Ba NMG ba kgothatsa badirelapuso
13 Jul 2026
Ba khampane ya NMG Administrator Botswana ba ba okametseng madi a polokelo ya badirelauso ka fa tlase ga letlole la Botswana Public Officers Pension Fund(BPOPF), ba ne ba rulagantse itshidilo maikutlo le badiri ba ba saletsweng ke dingwaga tse tharo go tlogela tiro ka bogodi.
Moanamisa mafoko wa NMG Administrator Botswana, Mme Basetsana Monyatsi a re khamphane eo e laolwa ke ba Non-Bank Financial Institutions Regulatory Authority(NBFIRA) mme e tlhomilwe ka 2021. Mme Banyatsi o buile jalo kwa dithuto-puisanyong le badirelapuso ba ba gaufi le go tlogela tiro ka bogodi kwa Tutume ka Laboraro.
NMG e dira tsamaiso ya matlole a penshene, dithuso tsa badiri(employment benefits),le tse dingwe, ka jalo tiro ya NMG ke go tsamaisa tiro ya letsatsi le letsatsi ya BPOPF. ‘’BPOPF e santse e le yone mong wa letlole le maikarabelo a maloko, fa NMG e dira tiro ya tsamaiso fela go ya ka tumalano ya ditirelo,’’a tlhalosa.
Mme Monyatsi a re NMG e tlhophilwe go obamela molao o o reng matlole a penshene a tshwanetse go tsamaisiwa ke motsamaisi yo o ikemetseng, le go tokafatsa tsamaiso ya BPOPF morago ga tumalano le Alexander Forbes e fela ka 2015.
Fa a itebaganya le moono wa letsatsi leo, a re pitso e, e diretswe badirelapuso ba ba saletsweng ke dingwaga tse tharo go tlogela tiro ka bogodi go tla go abelana kitso le megopolo le bone, maikaelelo e le go ba fa lesedi le motlhala ka madi a bone a ba a kokoantseng ,le go tlhagolela tsela botshelo morago ga go tlogela tiro. O ba kopile go simolola go fokotsa dikoloto nako e sale teng go itsa gore motlhang wa bofelo ba tswe fela ba iphotlhere dikoloto di tsere gotlhe mme ba felele ba sotlega ntswa ba ne ba bereka.
O tsweletse a ba gakolola go dira Will go tila dikgogakgogano tse di tlhagogang morago ga mongwe a tlhokafetse. Mme Monyatsi o boletse fa go na le melawana e e laolang ka fa dithoto tsa boswa di tshwanetseng go kgaoganngwa ka teng.
O tlhalositse fa madi a penshene e se bontlha bongwe jwa dithoto tsa moswi go ya ka molawana wa NMG. Sebui se sengwe, Retirement Consultant Mme Neltah Marumo o kopile badiri bao go dirisa kitso e ba e tsereng mo bokopanong joo, le go itlhaganelela go ya go kopa thuso kwa diofising nako e sale teng.
Mme Marumo a re go le gantsi ba nna ba kopana le dikgang tsa batho ba ba tlang ba na le ditsholofelo tse e seng tsone ka ba abelana dikgang tsa madi le bangwe(pensioners),e re se ba neng ba se solofetse e se sone ba kukege maikutlo mo ba felelang ba tlhoka tshidilo maikutlo.
A re ba bo ne go tshwanetse go fa babereki bogakolodi, bokaedi le maele ka tiriso ya madi pele ga ba tlogela tiro. O ba kopile go nna boineelo, bopelotelele le go tsepama mo megopolong e ba nang nayo ya go tsweledisa botshelo morago ga go tlogela tiro. Ba-tsena-thuto puisanyo eo, ba ne ba ngongorega ka go tlisediwa thuto eo thari dilo di setse di senyegile, go sena nako ya go ka di baakanya. Ba re fa e ka bo ba ne ba tlhatlhelelwa ka thuto le kitso eo ba santse ba na le nako le malatsi mo tirong, ba ne ba tlaa tlogela tiro ka monyenyo le boitumelo, ba dirile sengwe ga mmogo le go beeletsa.
Ba tlhalositse fa e le badiri ba sa itire, ka jalo ke mo ba santseng ba kopa go ka fiwa bontlha bongwe jwa madi a bone ba santse ba theogela go thiba fale le fale le go ikimolola mo dikolotong.
Mongwe wa batsena-thuto eo, Mme Bedu Balisi a re badiri ka bontsi ga ba itse go rulaganya madi a bone ka ditiro(budget) mme ba felele ba dirisa madi mo dilong tse e seng tsone ba lebetse tsa botlhokwa.
Mme Balisi a re go dira jalo go feletsa go ba tsenya mo dikolotong tse motho a yang go tlogela tiro ka bogodi a ntse a di duela.
Mme Monyatsi o ile a ba gakolola fa letlole leo le se mo thulaganyong ya go ka adima modirelapuso madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Itshidilo maikutlo
Date : 13 Jul 2026




