Mogwanto O Kgobokanya P50 000
13 Jul 2026
Mogwanto wa ngwaga le ngwaga wa ga Kgosi Malope II o o rulaganngwang ke komiti ya GaMmaLeema Cultural Project o kgonne dithuso P50 000 e le maitlamo a balalediwa ba mogwanto.
Bangwe ba ba neng ba tsene mogwanto Labotlhano kwa Kanye, e ne e le mookamedi wa moepo wa Jwaneng, Rre Goitseone Gadifele le mookamedi wa sesole, General Mpho Mophuting.
Moanamisa mafoko wa komiti ya GaMmaLeema, Rre Taolo Mogobe, o tlhalositse fa dithuso go tswa kwa mogwantong di tlaa lebaganngwa le ditiro tsa bopelotlhomogi mme komiti e tsere tshwetso ya go thusa sekole sa Kgodisong Orphanage Centre. Rre Mogobe o tlhalositse fa sekole se, se tlaa gokelelwa difetlha phefo tse di tswang kwa khamphaneng ya meepo ya Giyani Metals, e e neng ya itlama go koleka di le tharo.
O tlhalositse fa mogwanto o, e le go ipelela matsalo a ga Kgosi Malope mme mo dingwageng tse di fetileng, o thusitse bagodi le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Rre Mogobe a re mo godimo ga se, mogwanto o, ke tsela ya gore setshaba se rotloediwe go tshegetsa puo le ngwao ya Setswana, ka go supahala fa banana ba atisitse go bua sekgoa.
Monongwaga, kgosi o ne a gwanta le mophato wa gagwe wa Matlotlakgosi, go rutuntsha banana ka ngwao ya mophato mo morafeng.
Mophato wa MatlotlaKgosi o ne wa ruta baihuti ba Kidz Academy International ka thuto ya mephato segolo jang ya GaNgwaketse. Brigadier Gilbert Dithupe (Rtd), leloko la Matlotlakgosi, a re mophato o na le ditiro tse dintsi tse o di direlang morafe.
O kaile fa mophato o ne o dira jaaka mophato wa masole, go dibela le go sireletsa kgaolo ya GaNgwaketse.
A re mophato wa Matsosangwao o ne wa dirisiwa mo tirong ya gonna jalo ka ngwaga wa 1852 go fitlha 1854, go lwa le masole a maburu.
Rre Dithupe o kaile gape fa mophatlo o ne o dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo tsa morafe jaaka fa Kgosi Bathoeng, a neng a dirisa mophato go aga tsela ya sekgele sa dikhilomethara tse di masome mane ya Kanye-Lobatse.
A re Maisantwa a a satswang go bolola bosheng a kopane le tiro ya tlhako le molomo e mo bogompienong ba tsentseg seatla mo go yone le mephato e mengwe, go tsosa terata ya twantsho matlhoko a leruo. O kaile fa mophatlo o sante o le botlhokwa e bile o ntse o tlhokega mo setshabeng mme ditiro tsa o ne e le tsa boithaopo ka ba ntsha mo dipateng tsa bone go dira sepe se e tlhokegang kgotsa ba dira ka diatla tsa bone.
Kgosi Malope o lebogile ba tsaya karolo mo mogwantong le ba ba dirileng maitlamo segolo jang balalediwa ba mogwanto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : KANYE
Event : Mogwanto
Date : 13 Jul 2026




