Breaking News

Mosele-wa-pula o epiwa go sale gale

09 Jul 2026

Boeteledipele, barutabana le batsadi ba baithuti ba sekole sa Pandagala kwa Tutume ba tshwaragane go tsholetsa serudumo sa sekole seo. Mo mosepeleng wa go aga baithuti le go tsholetsa maduo a ditlhatlhobo, sekole se ne sa dira ithutuntsho ya beke ya boot camp mo sekoleng seo bosheng.

Fa a bua morago ga go wetsa ithutuntsho eo, mothusa mogokgo wa sekole sa Pandagala, Rre Joseph Gopolang o ne a leboga tirisanyo mmogo e batsadi ba e supileng, a re ka lebaka la tomagano eo ba tlaa isa sekole kwa pele.

Rre Gopolang o ne a bolela fa baithuti bangwe ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng mme seo se itaya tsebe ba ba tlhoafaletseng go ithuta.

Le ntswa go le jalo, boot camp e ne e akaretsa moithuti mongwe le mongwe, maikaelelo e le go leka go busetsa baithuti mo tseleng, go aga botsalano jwa bone e le baithuti go re ba lemotshane botlhokwa jwa thuto.

A re gape ba ne ba batla go gata mo dikgatong di le dingwe go sena ope wa bone yo o salelang morago, go dira jalo e le go bolotsa phadisanyo e e mashetla mo maduong a ditlhatlhobo tsa lokwalo la boraro. 

Rre Gopolang a re teko e ba e dirileng bosheng kwa sekoleng, e supa tokafalo mo maduong a baithuti ba lekwalo la boraro ka seo go na le kgonagalo ya gore sekole se ka tswa ka Merits tse nne kana go feta mo ditlhatlhobong tsa makgaola kgang tsa lokwalo la boraro.

A re e le sekole ba ipeetse seelo sa masome matlhano mo lekgolong, mme e bile ke one moono wa sekole seo wa ‘phusha50’ go ya go ileng.

Rre Gopolang a re seelo se se ka diragala fa batsadi ba ka tshwaraganela thuto ya bana le barutabana.

Moithuti wa sekole seo, Mme Ikanyeng Segogo a re boot camp eo e ba butse matlho, e bile ba anywile go le gontsi mo go yone.

Mme Segogo a re ba lemogile gore go bereka ba le seopo sengwe e le baithuti ba ka ntsha maduo, go bo go rotloetse bangwe ka bone go tlhoafalela thuto.

Mookamedi wa Tafa foundation, Rre Godknows Tafa o ne a tlhatlhelela baithuti bao ka tsa kaedi le tse dingwe, a bo a lebogela tshwaragano ya batsadi le barutabana ba sekole seo.

Rre Tafa a re kemo nokeng ya botsadi jwa bana ba sekole sa Pandagala e supa gore thuto ya gagwe ga e a wela mo mmung yo o lekgarapa, mme batsadi ba tlaa sala ba e tsweledisa go tsholetsa serudumo sa sekole. 

O kopile batsadi go nna pelotelele, lerato le go pepetletsa bana go ba betlela isago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Ithutuntsho

Date : 09 Jul 2026