Breaking News

Dikgang tsa go ikgapela botshelo di a gola

09 Jul 2026

Mapodisi a Gumare a tlhotlhomisa tiragalo e rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe wa kgotla ya Bothatogo mo Gumare go fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo go belaesega a ikgapetse botshelo. 

Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Gumare Superintendent Chenamo Orateng o tlhalositse fa mapodisi ba amogetse pego ka nako ya botlhano mo mosong wa letsatsi la Tshipi. 

Supt Orateng a re ba sepodisi ba ne ba ya kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetseng rre yo a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo, mme a ragosediwa kwa sepateleng sa Gumare kwa ba bongaka ba rurifaditseng fa a tlhokafetse.

 O tlhalositse fa ditlhotlhomiso tsa sepodisi di tsweletse, a tlatsa ka go re moswi ga  a tlogela molaetsa ope.

 Supt Orateng o supile fa dikgetsi tsa go nna jalo di tshwenya mo kgaolwaneng ya gagwe ya sepodisi ka jalo a gwetlha setshaba go kopa bogakolodi fa ba na le mathata go fenya kgatelelo ya maikutlo. ENDS

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 09 Jul 2026