Tshimo ya morafe e ntsha maduo
08 Jul 2026
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa motseng wa Kolonkwaneng, Rre Tumelo Matebele o boletse fa tshimo ya morogo e ba e abetsweng ke ba khamphani ya Lucara Botswana e tsweletse sentle.
Banni ba ne ba abelwa tshimo ya selekanyo sa 100mx100m ka 2023 mme modualsetilo a re e dira dipoelo tse di nametsang go na le jaaka pele.
Rre Matebele o boletse seo mo potsolosong bosheng a tlhalosa fa lefelo leo ba le bone morago ga gore banni ba ikuele kwa mopalamenteng wa pele pele, Rre Sam Brooks ga mmogo le boeledipele jwa motse gore ba tlhoka ditlhabololo tse di ka tokafatsang matshelo a bone.
A re ba ne ba neelwa lefelo leo, le pele e neng e le la banana mme morago ga dipuisano tse di tseneletseng ba le fetola go nna la temo ya morogo. O boletse fa ba ne ba amogelesega ka diatla tsoo pedi ka jaana ba Lucara ba ne ba ba thusa ka madi aa kanang ka P1.3 million go simolodisa tshimo eo ya merogo le go reka tsotlhe tse di tlokafalang.
Mo mading ao, a re ba kgonne go gokela sediba, go reka koloi, sebalamakgolo (laptop) le go hira moeteledipele mo sebakeng sa ngwaga magareng ga tse dingwe.
Rre Matebele a re morago ga go abelwa tshimo eo, thobo ya ntlha e ne ya dira dipoleo tse di botoka mme kgwebo ya simolola go wela tlase morago ga go tlogela tiro ga moeteledipele wa pele ka 2024.
A re kwelo tlase ya kgwebo e ne e dirwa ke go tlhaela kitso ya tlhokomelo ya merogo a tlatsa ka gore pele ba ne ba lemile merogo ka go farologana, maphutshe, mmidi, ditamati le maungo a mangwe jaaka magapu mme ba ne ne ba rekisa thobo ya bone kwa dikoleng le marekisetso a matona jaaka la Choppies.
O boletse gape fa botsalano jwa bona le ba Lucara bo tsweletse sentle a supa fa baa kola bogakolodi jo bo maleba. Rre Matebele a re ba lekalana la Local Enterprise Authority le bogogi jwa motse le bone ba tshwaragane le bone ka go ba fa dikgakololo gore ba fitlhelela maitlamo a bone ka tshimo eo.
O tlhalositse fa ba eletsa go atolosa tshimo a tlatsa ka gore ba emetse phetolo go tswa kwa go ba kabo ditsha morago ga go isa kopo. A re maikaelelo ke go atolosa temo thuo ba simolodisa thuo ya dikoko tsa mae, tsa nama le yone thuo ya dikolobe le dihutshane.
Rre Matebele a re ba segofetse mo nakong ya gomipeno ka ba amogetse baithuti ba le barataro go tswa kwa Botswana University of Agriculture and Natural Resources (BUAN) go tla go ithuthuntsha a tlatsa ka gore ba tlaa anywa go le go ntsi mo go bone ka ba tlaa ba tlhatlhelela ka maele le dikitso tsa temo thuo.
Baithuti bao ba tlaa tsaya kgwedi tse thataro.
Modulasetilo wa komiti e e tlhokometseng mo tshimo, Mme Alvinia Kgaudi o ne a iteela kobo moroko a supa fa komiti e sa lebelela fela go dira dipoelo mme e tswa kgakala ka go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse.
A re ba abetse bagodi bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong merogo. A re o dumela fa ba tlaa dira ka natla morago ga go godisa le go tlhabolola tshimo ya bone.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara, Rre Ikitseng Dipone wa kgaolwana ya Bogogobo/ Kolonkwaneng o ne a supa fa ba na le tsholofelo e tona mo baithuting ba BUAN go ba thusa go tlhabolola tshimo ya bone.
A re baithuti bao na le boitsaanape, maitemogelo le dikitso go tlhatlhelela ba ba dirang mo tshimong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 08 Jul 2026






