Breaking News

Thuso ya dikhamphani e botlhokwa go ribolola talente

08 Jul 2026

Moeteledipele wa setlhopha sa mmino wa borankana sa Tauyasekgwa kwa Lobatse, Rre Koorapetse Tshiamo o gwetlhile badiragatsi gore dirisa talente ya bone go itshetsa.

O buile se, mo potsolosong bosheng a supa fa bangwe ba itlhokomolosa nna ka talente ya bone go na le gore ba di godise gore di ba tswele mosola mo botshelong.

O boletse fa setlhopha sa bone se le magorogo masha, mme se na le bomme ba le babedi le borre ba le bararo ba ba ititeileng sehuba go dirisa talente mo go tsa bodiragatsi jwa mmino.

 Setlhopha seo se tswa kgakala se dira bontle ka jaana e ne ya re ka ngwaga wa 2020 fa lefatshe le wetswe ke seru sa bolwetsi jwa Covid 19, se ne sa ntsha pina ya Tlhapa diatla e maikaelelo a yone e neng e le thusa puso go gasa molaetsa ka moopelo. 

Ka bolwetsi joo bo ne bo amile dilo ka bontsi ga mmogo le itsholelo tota, Rre Tshiamo a re morago ga pina eo, setlhopha se ne sa tsenwa ke boitseme mme sa emisa go diragatsa.

A re monongwaga ba ne ba itharamologelwa ba lemoga fa ba ntse talente ya bone ka marago mme ba tsosolosa setlhopha gape. 

O tsweletse a tlhalosa fa bodiragatsi bo ba thusa thata ka jaana bo kgapa bana mo ditirong tsa botlhokatsebe.

Rre Tshiamo a re toro ya bone ke go bona setlhopha se gola mo tirong ya bone e bile se tsabakela se kgona go lemogiwa lefatshe ka bophara, ba lalediwa go diragatsa mo meletlong e metona, ya manyalo le e mengwe fela.

Le fa go ntse jalo, o ikuetse mo mapahteng a puso le dikhamphani tse di ikemetseng go ba lemoga le gone go ba fa sebaka sa go diragatsa pele ba ka batla ditlhopha kwa ntle ga Lobatse.

“Seo se ka re thusa go dira letseno le re ka ithusang ka lone go godisa bodiragatsi jwa rona re bo re bo phatlalatsa mo isagong. Re eletsa go akarediwa mo ditirong tse tlhokang bodiragatsi,” a tlatsa jalo. 

 Rre Tshiamo o ikuetse gape mo badiragatsing ba ba setseng ba godile go ba ema nokeng ka go ba fa maele a a ka ba godisang gore le bone ba fitlhelele fa ba leng teng.

“Motswana o rile ‘wa o esi ga o ele’ ke ka moo re dumelang gore thotloetsa ya badiragatsi ba bangwe e ka re tswela mosola ka jaana maikaelelo a rona e le go ribolola mmino wa rona kgwedi ya Phalane monongwaga,” a digela jalo.   BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 08 Jul 2026