Breaking News

Molemi o itumelela go tshela ga noka

07 Jul 2026

Molemi mongwe wa masimo a Xhoko gaufi le Gumare, Mme Ranolang Boikhutso, yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabodi, a re o itumelela go tshela ga noka ya Okavango ka selekanyo se se kwa godimo.

O supile fa la bofelo ba bona noka e tshela ka selekanyo sa gompieno, e ne e le ka 2010.

Mme Boikhutso, yoo santse a dirisa metsi a noka go nosetsa dijalo tsa gagwe di tshwana le mmidi, a re o ne a bona go tshwanela gore a leme merogo gore a tle a kgone go dirisa metsi ao.

Mme Boikhutso a re e sale e rile ka Motsheganong a simolola go lema merogo, mme jaanong o rekisetsa balemi ba babotlana le batho ka bongwe ka bongwe.

Mme Boikhutso, yo o tswang kgakala ka go rata temo ya merogo go tswa kwa bonyaneng jwa gagwe, o tlhalositse fa a na le dithuto tsa go lema merogo e bile a na le maikaelelo a go tsweledisa temo ya merogo le fa noka e ka kgala, ka masimo a gagwe a na le sediba se ka nako eno se nwetseng mo metsing.

A re kgwetlho mo nakong ya gompieno ke go swa ga sedirisiwa se se gogang metsi mo nokeng go nosetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 07 Jul 2026