Ba le 71 ba bone tiro ya sennela ruri kwa Letlhakeng
07 Jul 2026
Puso e kgonne go hira ba le masome a supa le bongwe (71) mo tirong ya sennela ruri kwa kgaolong ya Letlhakeng.
Se, se builwe ke Mopalamente wa Takatokwane, Rre Jacob Kelebeng fa a buisa phuthegong kwa Ditshegwane ka Mosupologo.
A re puso e kgonne go hira ba le bane kwa Ditshegwane.
Rre Kelebeng, yo gape e leng, tona ya Metshameko le Ngwao, a re puso e kgonne go hira ba le 3 500 lefatshe ka bophara.
O tlhalositse gape gore puso e tlaa hira banana ba feta dikete tse di lesome.
Ka jalo, o kopile banni ba Ditshegwane go nna malala a laotswe gore ha go hirwa ba bo ba ipaakantse.
Mo go tse dingwe, Rre Kelebeng o tlhalositse fa dijo tsa bana tsa Tsabana, di setse di gorogile kwa dikokelong.
A re puso e dumalane gore khamphani e ntseng e dira Tsabana, e tswelele e di dira, mme go dumalanwe gore puso e tla Neela dikhamphani dingwe sebaka sa go dira Tsabana.
Mo go tse dingwe, Rre Kelebeng o tlhalositse fa seemo sa tlhaelo ya melemo se tla a bepa.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Pako Morwaanare, o supile fa kgaolo ya Takatokwane a supa fa banni ba kgaolo eo ba beile mo pusong go ba thusa ka mananeo gore ba ithuse go hema tlala.
O supile gape fa dikoloi tsa puso di eme, mme se se bo se emisa go isa ditirelo kwa bathong, selo se se dirang gore seemo sa kgaolo se nne maswe.
A re gape motse wa Ditshegwane o tletse ka batho ba ba sa itseng go bala le go kwala, ka moo o kopile gore batho ba motse wa gagwe ba thusiwe.
Fa a lekodisa ka ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Mme Tsholano Kelebang, a re e rile ba tsena mo komiting eo, ba ne ba fitlhela matlo a komiti eo, a goketswe motlakase, mme a sa tshubiwa.
A re komiti e ne ya kgona go gore matlo ao a tshubiwe, mme e bile ya kgona go shafatsa a mangwe.
A re komiti eo, e lekile go agela go mongwe ntlo yoo neng a tlhoka boroko mme ba ise ba rulele, ka jalo ba kopa mopalamente go ba thusa go e fetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ditshegwana
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Jul 2026






