Monna o atlhotswe P2000 go tlola molao
07 Jul 2026
Rre mongwe wa Motswana, yo o tshwerweng a leka go tlodisa ditlhogo tsa dikgomo kwa molelwaneng wa Ramatlabama bosheng, o atlhotswe madi a a kanang ka dikete tse pedi tsa di Pula.
Nama, eo, e ne ya gapiwa, ya bo ya tshubiwa.Mo potsolotsong le BOPA, mogokaganyi wa ditirelo tsa matlhoko a leruo a itebagantse le twantsho bolwetse jwa tlhako le molomo, Dr Odireleng Thololwane o tlhalositse fa monna yoo, a fitlhetswe ka ditlhogo tseo, mme a sena teseletso ya go tlola molelwane ka tsone.
O supile fa monna yoo a ne a tshwanetse go dira teseletso ya go isa nama eo kwa Aferika Borwa.
Mookamela mapodise a Ramatlabama Superintendent Mary Baanina a re mo godimo ga gore koloi e a neng a e dirisa e ne e sena teseletso ya go tlodisetsa nama kwa Aferika Borwa, ba itemogetse gape gore e ne e se mo seemong se se siameng sago pega nama.
O supile fa go ya ka molao, nama e tshwanetse go phuthelwa sentle, le koloi ee e pegileng e bo e le ya setsidifatsi.
Dr Thololwane o kopile Batswana go obamela melao ya twantsho matlhoko a leruo ka go tlhoka go dira jalo, go tla a kgoreletsa maiteko a puso a go lwantsha bolwetse joo.
Bolwetsi jwa tlhako le molomo bo begilwe mo kgaolong ya Morolong ka kgwedi ya Moranang e simolola kwa polaseng ya puso ya Ramatlabama mme jwa anama le metse mengwe ya kgaolo eo.
Mo nakong ya gompieno, puso e tshwaragane lego aga terata e e laolang metsamao ya leruo e le nngwe ya maiteko ago laola bolwetsi jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : AOBAKWE MOLEFHI
Location : GOODHOPE
Event : Potsolotso
Date : 07 Jul 2026






