Go pumpunyega ga metsi go ama kgoreletsa metsamao
06 Jul 2026
Malwapa mangwe kwa Lecheng mo kgaolong ya Tswapong Bokone a tlhasetswe ke go pumpunyega go tswa kwa tlase ga lefatsheng mo go felelang go ba kgoreletsa go dira ditiro tsa letsatsti le letsatsi ka bontsi jwa malwapa a nna a na metsi fela go sena fa ba ka nnang teng.
Mo nakong eno malwapa a le masome a mabedi le bone a setse a itemogela seemo se, se go supilweng fa se tlhagoga kwa malwapeng ka go farologana e bile dipalo tsa ba ba amegileng di setse di oketsega.
Mo potsolosong, Mme Phetogo Dikolanyane yo e leng mongwe wa ba ba amilweng ke seemo seo, o supile fa e rile morago ga dipula tse di neng tsa na ka bokete mo ngwageng ono, ba itemogela metsi a a neng a tswa kwa tlase ga lefatshe mo ba neng ba sa lemoge le gore metsi ao a tlhagoga fa kae mme fa ba sekaseka ba lemoga fa go na le mafelonyana a a farologaneng mo lwapeng fa metsi a tswang teng.
Metsi ao, a a dikologileng ntlo ya gagwe a ne a supa fa a tlhagoga fale le fale mo teng ga lelwapa mme a felele a elela mo lwapeng lotlhe.
Mme Dikolenyane o ne a supa fa a na le pelaelo e ntsi ya gore le kwa tlase ga ntlo a teng ka a bonala mo leboteng la ntlo e bile go utlwala serame se sentsi thata mo ntlong ya gagwe.
O ne a supa fa a nna ka letshogo ka a sa itse gore a ntlo ya gagwe e sireletsegile kgotsa jang le gore letsatsi le le latelang go tlaa diragala eng.
O supile fa ba kile ba itemogela seemo se mo dingwageng tse di fetileng mme se ne sa seka sa tsaya nako e telele se ntse se tsweletse. A re o gakgamadiwa ke gore mo nakong eno metsi ao a tsere nako e telele a ntse a tswa kwa tlase ga lefatshe mme ba tshogela botsogo jwa bone ka ba sa itse gore a ga ba na go tsenwa ke malwetsi a serame.
Mme Gloria Lezulu le ene a re o itemogela seemo sa metsi a a tswang kwa tlase ga lefatshe mo lwapeng la gagwe mme a setse a tladitse ntlwana ya boitiketso e bile go sena se ba ka se dirang.
Kgosi wa Lecheng Prince Obuiseng a re ba itemogela seemo sa metsi a a pompunyegang ka fa tlase ga lefatshe morago ga pula ee bokete ya ngwaga o simologa.
A re seemo se ba ne ba sa se ipaakanyetsa mme se kgoreletsa matshelo a banni ka ga ba kgone go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi mo malwapeng a bone.
Mo godimo ga moo Kgosi Obuiseng a re seemo se, se amile ditsela tse di fa gare ga motse ka jalo se ama motsamao wa batho le dikoloi ,a supa fa bangwe ba palelwa ke go tsena mo malwapeng fa bangwe ba palelwa ke go tswa mo malwapeng.
Kgosi Obuseng o ne a supa fa metsi a mantsi mo motseng a kgona go baka malwetsi a tshwana le jwa Malaria.
A re ka ngwaga wa 2012 morago ga dipula tse dintsi metsi a ne a pumpunyega fela jaaka mo nakong eno, mme ga tlhagoga bolwetsi jwa Malaria mme jwa felela bo gapa botshelo jwa motho a le mongwe.
Kgosi Obuseng a re mo nakong eno ga go ise go nne le thuso e e tsepameng ya gore ba ba amilweng ke metsi ao ba ka thusiwa jang mme bogogi jwa khansele le molaodi wa Palapye Mme Utlwanang Kerekang bo ne jwa tla go bona seemo le go bona gore ba ba amegileng ba ka thusiwa jang.
A re le ntswa matlo a supagala a amiwa ke metsi ao ka go itshupa ga metsi mo leboteng, mo nakong eno ga go ise go nne le a a oleng mme ba beile mo dithapelong fela gore go seka ga nna le kotsi epe kana matlo mangwe a a ka gosomanang ntateng ya go amiwa ke metsi a. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LECHENG
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2026






