Breaking News

Theko ya diteemane e wetse tlase - Kelebeng

06 Jul 2026

Tona wa Metshameko le Ngwao e bile e le mopalamente wa Takatokwane Rre Jacob Kelebeng, o tlhalositse fa diteemane tsa Botswana di sa rekwe sentle jaaka pele. 

Tona o buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa Ditshegwane bosheng.

Tona Kelebeng o supile fa diteemane di kile tsa bo di tsisa letseno la 60 per cent mo itsholelong ya lefatshe, mme gompieno di rekwa ka 17 per cent fela. O tlhalositse fa ka lebaka le le leele itsholelo ya Botswana e ne e ikaegile ka diteemane, ke sone se gompieno e wetseng tlase.

O tlhalositse fa puso e fetisitse melao jaaka wa go tlhabolola dikgang tsa lekgetho, gore bao ba amogelang botoka ba kgethe go le go golwane, gore ba tle ba neele Batswana ditirelo tse di botoka.

     Tona o supile fa ba tshwanetse go fetola molao motheo gore ba go dumelwang ba gateletswe ba nne le kwa ba ka itshekang teng, ke sone se ba dumelang fa go tshwanetse ga nna le Constitutional Court, gore e tle e itebaganye le go seka ditshwanelo tsa batho.

    Mo go tse dingwe tona o ne a tlhalosa fa puso e tsentse letsogo go thusa gore badiri ba pele ba meepo kwa lefatsheng la Afrika Borwa ba duelwe, a bo a supa fa ba thusana le ba TEBA mo dikgannyeng tseo.

    O kopile babereki  ba pele go ikwadisa kwa ofising ya mopalamente kwa Takatokwane le ya Letlhakeng, a bo a kopa ba ba nang le bolwetse jwa mahatlha go dira ditlhatlhobo le bosupi jwa bolwetse joo, le go ya go ikwadisa ba tshwere dipampiri tse di tlhokafalang.

Tona o ne a supa fa mo maitekong a gagwe a go batlela banana diphatlha tsa dikole tse dikgolwane, a bone diphatlha di le masome a mabedi kwa sekoleng sa Limkokwing, gore ba ye go oketsa dithuto tsa bone. O tlhalositse fa seo e le go fa banana ditshono tsa botshelo, mme go duelelwa sekole fela go sena sengwenyana se ba se fiwang. O ne a tlhalosa fa a agile matlo a le mararo mo kgaolong kea metseng ya Metsibotlhoko, Maboane le Dutlwe, e le ntlha nngwe ya go fa banni ba kgaolo seriti.  A re o mo tseleng ya go batlela Ditshegwane Support Group madi gore ba tlhabolole setsha sa bone sa go lema merogo. 

Banni ba Ditshegwane ba boditse ka dikgaisano tsa ga tautona gore di simolola leng. Rre Boikotlhao Madori o ne a supa fa metshameko eo e ne e thusa banana go tswa mo borukutlhing.

Rre Madori o ne a botsa gape gore kgang ya kokelo ya Letlhakeng e tsamaya fa kae ka ba sale ba se solofeditswe. Rre Moeti Nkgoko ene o ne a botsa ka tsela ya Letlhakeng/Kaudwane gore ka ba kile ba e solofediwa e tsamaya fa kae. 

Fa Rre Nkgoko a ne a tlhalosa fa tsela e ba itsa go tsena ditiro tsa mo kgaolong ka leeto le le lengwefela mo go yone koloi e tla e senyegile. O ne a supa gape fa dithoto di okediwa ditlhwatlhwa, mme a kopa puso go tsenya leitlho mo kgannyeng eo.

    Kgosi Kably Gaoforwe wa kgotla ya Modimo kwa Ditshegwane o ne a tlhalosa fa mapalamente ba tlhophiwa ke Batswana, mme fa ba tsena kwa palamenteng ba bua sekgoa fela, selo se se dirang gore ba fetwe ke molaetsa oo botlhokwa e le batlhophi.

Kgosi Gaoforwe o ne a kopa tona gore ba emise go gasa kwa seromamoweng sa Botswana gore melemo e teng kwa dikokelwaneng le ntswa  e seyo.

Kgosi Phakamisa Mmidinyane wa kgotla ya Kgare/ Sebotswane o ne a kopa gore mapodisi ba thusiwe ka koloi gore ba heme borukutlhi jo bo diragalang kwa Kgare le mo tikologong. Kgosi Mmidinyane o ne a tlhalosa gore fa mapodise ba dikologa kwa motsaneng wa Kgare le mo merakeng le masimo borukutlhi bo nna botoka.

O ne a supa matshwenyego gore megala ya letheka ga e tshware kwa Kgare fa e se fela fa motho a palame setlhare, a bo a kopa gore ba thusiwe ka seemo se.

Fa a araba mothusa molaodi mo go tsa ditlhabolo kwa Letlhakeng Mme Bianca Moswela, o ne a supa fa kago ya kokelo ya Letlhakeng e ntsheditswe P10 million.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya Metshameko le Bodiragatsi Mme Masego Motswiri o ne a supa fa metshameko ya kgaisano ya ga tautona e tlaa nna teng monongwaga.

Mogokaganyi wa tsa Temothuo Rre Thomas Tadubana o ne a supa fa mo kgaolong ya SADC go sena tlhwatlhwa ya dikgomo, a supa fa kgomo e itheka.

  Rre Tadubana o kopile barui go tshuba ka tshipi le go di rwesa manyena a supa fa dikgomo tsa go nna jalo di kgona go latedisiwa sentle. O kopile barui gore fa ba reka manyena ba supe gore baa go rwesa dikgomo kwa kgaolong go tila ketsaetsego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ditshegwana

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jul 2026