Ba fetotse noka go nna matlhabelo
02 Jul 2026
Le fa puso e mekamekane le go lwantsha tlhako le molomo, Batswana bangwe ba busetsa maiteko ao kwa morago, ka ba tsweletse ka go tlhaba dikgomo le dipodi ka bokukuntshwane.
Bosheng, banni ba Metsimotlhabe ba ngongoregile ka bangwe ba ba fetotseng noka ya bone go nna matlhabelo.
Sengwe se se tshwenyang ke barui bangwe ba ba tshwarwang ba tlhabile leruo ka bokukuntshwane le fa seo se ileditswe go thibela kanamo ya bolwetse jwa tlhako le molomo.
Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Mmopane/Metsimotlhabe, Mme Helen Manyeneng.
Barui ba re ba kopa puso go fa makgotla a Setswana thata ya go sekisa dikgetse tsa leruo go tila tiego e e itemogelwang kwa lekgotleng la ga mmakaseterata.
Bangwe ba re babelaelwa ba bogodu jwa leruo ba gagamadiwe diphogwana ka dikatlholo tse di tsamaelanang le tsa magodu a diphologolo tsa naga.
Mme Manyeneng a re a tona wa lephata molao le tlhabololo magolegwa, Rre Nelson Ramaotwana o buile gore ba mo tshekatshekong ya gore dikatlholo tsa borukuthi jo bo amang leruo di gagamadiwe.
Mme Manyeneng o ile gape a ama kgang ya gore kakanyo ke gore ditsheko tsa bogodu jwa leruo di sekwe fela kwa makgotleng a Setswana.
A re sengwe sa tse di akantsweng ke go tsholetsa seelo sa makgotla a Setswana gore a kgone go seka dikgang tsa madi a a kwa godingwana.
Mme Manyeneng o tsweletse a re go botlhokwa go nonotsha makgotla a Setswana ka go rutuntsha Dikgosi gore ba dire tiro ka botlalo, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore Dikgosi di bereke le baitsenape ba molao.
“Go raya gore jaanong Kgosi le ene a bo a tlhatlhelelwa kitso ka gore fa bogodu ele jwa maemo a kwa godimo matlhale le one ke a tseneletseng. Jaanong tse tsotlhe di a go batla madi gore ba rutintshiwe a bo a batlelwa boramolao,” ga bua Mme Manyeneng.
E rile a tsibogela mafoko a banni, Mogolwane wa ofisi ya matlhoko a leruo wa kgaolo ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Diphetogo Mosalagae o ne a iteela kobo moroko mafoko a morafe a gore leruo la bone le tsweletse ka go utswiwa le mo nakong eno e go santse go emisitswe go tlhabiwa ga leruo ka ntlha ya go tlhagoga ga bolwetsi jwa tlhako le molomo.
“Mo kgaolong ya Metsimotlhabe re tshwenngwa ke kgang ya bogodu jwa leruo. Batho ba utswa dipodi ba bo ba di isa kwa kgaolong ya Gakuto le Mmopane. Ba bangwe ba a di utswa ba bo ba di tlhaba.” Rre Mosalagae a tlhalosa.
Rre Mosalagae a re gangwe le gape ba tshwara magodu le bangwe barui ba tlhabetse leruo mo molapong wa noka ya Metsimotlhabe.
A re ba ba tlhabang leruo ka bokukuntshwane ba atlholwa madi a sa feteng P5 000.
“Fa o tlodile ditsetlana tse tsotlhe tse di beilweng, re kgona go go atlhola dingwaga tse di sa feteng botlhano mo kgolegelong le tuelo ya madi a sa feteng P5,000,” ga tlhalosa Rre Mosalagae.
A re mo godimong ga katholo ya madi kgotsa kgolegelo, ya mosimane ke e nkgwe, ka jalo bangwe ba bone ba isiwa kwa Kgosing go pegiwa mabele a kgomo kana a pudi.
Rre Mosalagae o kopile morafe go tswelela ba tshwaraganye le puso go lwantsha bolwetsi jwa tlhako le molomo.
“Re ka kgona fela fa le re eme nokeng, re tshwaraganela thulaganyo e,” Rre Mosalagae a tlhalosa.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : METSIMOTLHABE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Jul 2026





