Breaking News

Morafe o tsibogela kago ya terata

02 Jul 2026

Tona wa temo-thuo Dr Edwin Dikoloti o akgotse morafe go tsibogela kago ya terata e e laolang metsamao ya leruo.

Mo potsolotsong bosheng kwa Tsoaneng kwa terata eo e fetang teng, Dr Dikoloti a re o nameditswe kego tsiboga ga setshaba go thusa go aga terata eo.

O supile fa morafe ka bontsi o supile mowa wa boipelego segolo jang ba metse e e mabapi e terata eo e yang go feta ka metse ya bone.

“Se se intumedisang le go feta ke gore Batswana ba dikgaolo tse dingwe jaaka kwa bo Ghanzi le kgaolo ya legare, le bone baa letsa ba botsa gore ba ka thusa jang gore kago ya terata e nne bofefo”.

A re go ithaopa go tsenya letsogo moo ga bone, go tlaa kgontsha ba lephata la matlhoko a leruo go fetsa terata eo ka bofefo bolwetsi bo ise bo fetele kwa pele.

Tona o tlhalositse fa gape dikgosi, makhanselara ba dirile tiro e ntle ya go rotloetsa merafe ya bone go tsibogela kago ya terata eo, e e simolodisitsweng semmuso Seetebosigo a le masome mabedi.

“Re thusitswe ke dikhamphani le batho ka go farologana ka didirisiwa, dijo le diterekere gore re kgone go fetsa terata mo nakong e khutshwane,” ga bua Dr Dikoloti.

Dr Dikoloti o tlhalositse gore ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo e tsweletse, a bolela fa dikgomo di tsweletse ka go kentiwa mme a supa fa kwa mafelong a mangwe dikgomo di setse di simolotse go tsaa mokento wa boraro.

Mo puisanong eo, tona o kopile barui le Batswana ka kakaretso gore ba ise dikgomo kwa megotlheng fa go kentiwa.

A re fa dikgomo di sa isiwe go kentiwa, go lwantsha bolwetsi jo go tsile go nna dingalo ka gore tse di sa kentiwang go nna motlhofo gore di tsenwe ke bolwetsi.

O supile fa a na le tsholofelo gore e tlaare kgwedi ya Phukwi terata e bo e fedile mme go tsweng foo, go tlaa lebelelwa seemo gore ago ka seke go fokodiwe melawana ya kiletso ya go gweba ka nama.

Terata e, e sekgala sa 350kms e simolola kwa Ramotswa  kwa masimong a Sakutswane, e feta ka dikgaolo tsa ga Ngwaketse, motse wa Sekhutlane le dipolase tsa Banyana a bo e ya go wela kwa Werda. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : AOBAKWE MOLEFHI

Location : GOODHOPE

Event : Potsolotso

Date : 02 Jul 2026