Breaking News

Ba Shadishadi ba abetswe ditlankana tsa ditsha

29 Jun 2026

Lekgotlana la kabo ditsha  la Lephepe le tsweletse ka go aba ditlakana tse disha tse di itsegeng ka Secure Land Title (SLT). 

Bosheng ba ne ba le ko motseng wa Shadishadi go abela banni ba motse o, ditlakana tse disha tsa ditsha tsa bonno. Ba supile gore maikaelelo a se ke go rurifatsa gore ba ba abetsweng ditsha ba na le ditlakana, e le tsela nngwe ya go tlhomamisa gore ba fiwa ditlamelo ka tshwanelo.

Ba ba neng ba abelwa ditlankana ke bontlha bongwe jwa ba ba neng ba kopiwa go busa dtilankana tse di kgologolo ka ngwaga wa 2021 le go kwadisa tse go abelwa tse disha.

Pele ga ba abela banni ditlankana mo boemong jwa lekgotlana la kabo ditsha, Mopalamente wa Lentsweletau/Lephepe, Rre Tshenolo Bogatsu a re thulaganyo ya go fetola ditlankana e ne e le go tokafatsa boleng jwa tsone.

Rre Bogatsu a re go nna le lefatshe ke boswa, ka jalo a re go fiwa setlankana ga se go abelwa pampitshana fela, ke boswa jo motho a ka bo abelang bana.

“Re abela bangwe ba lona Secure Land Titles, pampiri e e supang gore lefatshe ke la gago ka fa semolaong,” ga tlhalosa Rre Bogatsu.

A re fa motho a tshwere setlankana se, o ka kgona go ya go kopa madi a kadimo ka sone kwa bankeng.

“Banka e a go dumela. O ka bona kadimo ya go aga, ya kgwebo, ya temo. A re akoleng lenaneo ka go kwadiseditsa mahala e be e go neela setlankana mahala,” ga bua Rre Bogatsu.

O kopile  ba ba neng ba seyo fa maina a bidiwa kwa kgotleng go ikitaa ka thupana go tla ka tsotlhe tse di tlhokwang mme go tsaya ditlankana kwa di ofising tsa kabo ditsha kwa Lephepe.

Mongwe wa ba ba abetswng setlankana Rre Moagi Ramatota a re ‘maikutlo ame a kwa godimo fela thata ka gore fa o tshwere lefatshe mme o sena setlankana ga wa babalesega mme fa ke se tshwere jaana ke ikutlwa ke tiile moko fela thata ka gore jaanong ke same,’ ga bua Ramatota.

Mongwe wa banana ba ba abetsweng setlankana, Mme Mphoyaone Kgosithebe a re o motlotlo go bo setlankana sa gagwe se gorogile mme jaanong a ikaelela go ya go aga setsha sa gagwe.

Mothusa mokwaledi wa lekgotlana la kabo ditsha, Rre Olebile Mazebedi o ne  a tsibosa setshaba gore fa motho a neetswe setsha ke ba kabo ditsha o a bo a tsene mo konterakeng e e mo tlamang gore mo lebakeng dingwaga tse tlhano o tshwanetse a tlhabolola setsha sa bonno se a se filweng.“Ditsetlana tse di kwadilweng mo setlankaneng seo di supa gore o tshwanetse o bo o setse o beile mekono mo setsheng mo lebakeng la dibeke tse thataro eseng jalo e tlaabo ele go ikgatholosa molao wa kabo ditsha,” ga tlhalosa Rre Mazebedi.

Rre Mazebedi o tlhalositse gore setsha sa kgwebo se tshwanetse go bo se tlhabolotswe mo lebakeng la ngwaga mme tsa masimo le tse di tsamaisanang le tsone di tshwanetse go tlhabololwa mo ngwageng tse tharo. 

“Ditlamorago tsa go ikgatlholosa molao o ke gore re le ba kabo ditsha re neetswe marapo a gore fa re lemoga gore ga o a tlhabolola setsha  se ka felela se gapilwe,” ga tlhalosa Rre Mazebedi. BOPA

Mazebedi a re molao o file ba kabo ditsha thata ya gore fa motho a dirisa setsha tiriso e sele go n le ka fa a se abetsweng, o ka ae amogiwa.

Kgosi wa Sojwe, Rre Nkwenyana Rantho o kopile banni go babalela ditlankana tsa bone a gatelela gore o tshwenngwa ke go nna kwala makwalo a supela batho ba ba latlhileng ditlankana tsa bone tsa lefatshe.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : SHADISHADI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2026