Breaking News

Banni ba atla dikgang tsa puo ya sesarwa

29 Jun 2026

Banni bangwe ba Robelela le Tshokwe ba supa fa ba itumeletse maiteko a puso tebang le go balwa ga dikgang ka puo ya letso la Sesarwa.

Banni ba metse e ba buille jalo kwa diphuthegong tsaa kgotla tse di neng di buisiwa ke lekoko go tswa kwa lephateng la molao le kago sesha ya magolegwa. 

Rre Leaname Sekai a re se ke kgatelopele e e kgatlhisang go dira maiteko a go sa tlogele morafe ope kwa morago mo ditlhabololong ka go farologana. 

A re go balwa ga dikgang ka puo eo  go tlaa thusa batho ba letso leo ba ba sa tlhaloganyeng dipuo tse dingwe go itse ka tse di diragalang mo lefatsheng le gone go tsaya ditshwetso tse di maleba.

O supile fa seo se dirile bangwe go nna motlotlo, le gone go itse gore ke karolo ya lefatshe leno. 

Le fa go ntse jalo, Rre Sekai a re o santse a le bete se molangwana ka letlhoko la sekole sa ba-nale-bogole ka go farologana gaufi le metse ya bone, a re se se dira gore ba-na-le-bogole ba metse eo ba salele kwa morago go ka amogela thuto.

Go sale foo, banni  bangwe ba metse eo ba ledile ka phimolo dikeledi e puso e e ntshang fa diphologolo tsa naga di bakile tshenyo mo masimo le fa di bolaile leruo le gone go golafatsa kgotsa di bolaile motho.

Rre Dinamone Pinkie  ene o boletse fa se segolo se ba itshetsang ka sone e le temo le thuo mme a supa fa bontsi bo sa kgone go akola maduo a temo ka jaana ditlou di baka tshenyo e e ngomolang pelomo masimo.

Rre Pinkie a re kwa merakeng le gone diphologolo tsa naga di baka tshenyo, mme sebe sa phiri e le bonnye jwa phimolo dikeledi e ba e fiwang. 

O kopile puso go sekaseka ditlhwatlhwa tse ka jaana di siilwe ke nako.

Mme Thatayaone Manowe le ene o supile fa phimilo dikeledi e ba e fiwang  morago ga go senyediwa ke ditlou kwa masimo e le kwa tlase, a fa Sekai gore mo ekereng tse pedi tsa temo, phimolo dikeledi e kgona go nna P800.

A re se se utlwisang botlhoko ke gore godimo ga moo ba itemogela ditshenyegelo gape go duela dipalamo tsa setshaba go ya go kopa madi ao, a le one a tsayang nako go duelwa.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa komiti ya ditogamaano ya ditlhabololo (National Planning Committee) Rre Kabelo Ebineng o ne a bolela fa puso e tlaa tswelela e dira ka gotlhe go tokafatsa matshelo a batho ba metse e e kgakala le ditlamelo.

A re megopolo e e phuthwang e tlaa fetisediwa kwa go maleba, kwa e tlaa sekasekwang teng gore go tle go betlwe tsela ya go tlhabolola matshelo a banni ba metse eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2026