Ratoropo O Rotloetsa Trisanyo Mmogo
25 Jun 2026
Ratoropo wa Sowa, Rre Ford Moiteela o rotloetsa tirisanyo mmogo ya dikhansele.
Rre Moiteela, yo o neng a etetse khansele ya North East kwa Masunga ka Mosupologo, o supile fa tirisanyo mmogo e ka thusa ka jaana didirisiwa le ditsompelo tsa puso di tlhaela ka lebaka la tlhaelo ya madi.
“Fa e le gore rona re le mo toropong ga rena dikgwetlho tse di kalo, mme khansele e e mabapi e tlhaelelwa ke dikatakata tse di gopang ditsela, go ka buisanngwa mme ra adimana gore go thusiwe setshaba,” ga tlhalosa Rre Moiteela.
Rre Moiteela o tlhalositse fa se, e se sone fela se seka kopanyang dikhansele ka jaana le megopolo fa ba bona gore ga e kopanetswe le khansele e e mabapi e ka tsenya letseno, go ka thulanngwa ditlhogo go bona gore go tswelelwa pele jang ka yone. A re se e ne e le mogopolo o ba neng ba ntse ba o atlile kwa khanseleng ya Sowa. A re se se molemo ke gore Tona le ene o setse a nale mogopolo wa rotloetsa tirisanyo mmogo ya dikhansele.
Rre Moiteela, ka jalo, o kemo nokeng ya makhanselara le bodiredi go goga mmogo mo tirong e ka go le molemo thata gore mo teng ga ditsompelo tse di tlhaelang, go thusanngwe ka megopolo e e ka tsosolosang itsholelo.
“Kana fa o ntlela ka megopolo o le mo Kgaolong ya Bokone Botlhaba, o o ka tlhabololang kwa toropong ya Sowa, ga o direle gore ke khansele e e seng ya gago hela, o a itse gore ngwana wa gago le ba masika ba ka ya go berekela teng, mme fa gona le dikgwebo di atlega kwa Sowa di atlegela Batswana botlhe,” a tlhalosa jalo.
O ne a tlhalositse gore tirisanyo mmogo e ba ikaelelang go e bopa, e ka isa lefatshe kwa pele. O tsweletse ka gore mo Botswana go setse go supagetse gore le fa go ka tswa go farologanwa ka diphathi tsa sepolotiki, fa go tla go tsena mo ditirong tse go direlwang setshaba, go a bopaganwa go nnwe seoposengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jun 2026






