Breaking News

Bogodu jwa kopore bo beile banni ka fa mosing

22 Jun 2026

Banni ba Lobatse ba lela ka borukutlhi jo bo kekelang jwa megala ya kopore mo toropong eo. 

Banni ba roletse mopalamente wa Lobatse Rre Kamal Jacobs matshwenyego a bone kwa kgotleng bosheng ba supa fa seeemo seo se ba baya ka fa mosing ka ba tshelela mo lefifing. Modulasetilo wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa Peleng, Rre Andrew Maokaneng a re ba tshwenngwa segolo bogolo ke dipone tsa mebila tse di sa berekeng ka mabaka a gore borokutlhi joo bo ile magoletsa. O kopile gore mafelo a go rekisiwang dithoto tse di latlhilweng a tlosiwe mo toropong ka a rotloetsa borukutlhi.  

Mo go tse dingwe, o kopile gore go agiwe mafaratlhatlha a kgopho ya metsi a a leswe go ralala Lobatse ka madi a a abelwang kgaolo ya botlhophi ya Lobatse mo ngwageng ono, mme madi a a tlaa salang a kopa gore a dirisiwe go baakanya tsela.

Rre Maokaneng a re ba tshwentswe thata ke matlotla mo toropong eo a a akaretsang kwa malwapeng, dikgwebo le mafelo a magologolo a puso, a a sa tlhabololweng. Ka jalo a kopa gore seo se emelwe ka dinao go tokafatsa selebego sa toropo.  

Modulasetilo wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa Woodhall, Rre Samuel Makgau ene o rile beng ba matlo a a firisitsweng, ba tshwanetse ba tlamiwa go tlhabolola matlo a bone go itsa gore a seka a nna matlotla. 

Kgosi Tebogo Kemoabe wa Peleng le ene o supile fa a tshwentswe ke matlotla mo Lobatse, a supa gore bontsi jwa ditsha tsa bonno ga di tlhabololwe. O tlhalositse gore bontsi jwa banni ba toropo ke bahirisi mme dijarata ga di tlhabololwe ka jaana beng ba mafelo ao ba ile magaeng, ka jalo a kopa gore go dirwe sengwe ka seo go tokafatsa selebego sa toropo. 

Kgosi Kemoabe o tlhalositse fa ba sa jesiwe diwelang ke barekisi ba mo mebileng ba ba rekisang motsokwe wa lengwanda,  mme thekiso e tsere phekelo e sele ka jaanong e ama bana ba ba rongwang go o reka ke batsadi bangwe. Kgosi o tlhalositse jalo gore ngwana o kgona go o reka a o itirisetsa a sa rongwa mme seo se ame botsogo jwa gagwe. 

Kgosi Kemoabe o ntshitse gape ngongora ka dimausu tse dintsi tse di butsweng gaufi le dikgoro tsa dikole, a supa fa dimausu tseo di le borai ka di rekisa dingwe tse di sa letlelelweng tse e leng gore fa ba dira dipatlisiso tsa dikgetsi dingwe tse di gorogang mo makgotleng a setswana ba fitlhela dimausu tseo di amega. O gakolotse batsadi go fokotsa go neela bana mad mme ba ba direle mopako ka jaana go neela ngwana madi letsatsi le letsatsi go ka baka mekgwa e e sa letlelesegeng, jaaka wa borukutlhi le gone gore bana ba ka raelesege go reka dingwe tse di sa letlelelweng.

Kgosi Kemoabe a re e re ntswa dimausu tseo di thusa batsadi go itshetsa, dingwe tsa tsone di baka dikgang tse di felelang di goroga kwa makgotleng a setswana ka bangwe ba rekisetsa bana ditagi koo. O kopile gore dimausu tseo di fokodiwe mme e bile di tsenngwe leitlho le le tseneletseng go babalela bana. 

O tsweletse a bolela fa kgokgontsho ya bong e ba tshwenya ka ba tsweletse ka go amogela dikgetsi tsa mofuta oo mo makgotleng. A re bomme bangwe ba ithusa seemo sa kwelotlase ya itsholelo ka go atumela borre ba ba berekang.

 “Mme yoo ka ga a bereke o nna motlhanka mo go rre, yo e leng gore fa a batla go mmetsa wa mmetsa, fa a batla go mo koba wa mo koba mme ka gore mme yo ga gona kwa a ka sielang teng, o a itshoka,” kgosi a bolela. O ne a gakolola borre go emisa kgokgontsho ya bong ka seemo seo se tlhobaetsa. 

Kgosi Kemoabe o ne a tlatsa a gore ba tshwenngwa ke marekisetso a nnotagi a a rekisang khadi le chibuku. E re le fa beng ba mafelo ao ba a dirisa go itshetsa le go tsenya bana dikolo, kgosi a re go na le tse di fatlhang tse di diragalang koo. O ne a kopa gore mafelo ao a fokodiwe mme go dirwe sengwe se sele sa itloso bodutu. 

O boletese fa mafelo ao a kgoreletsa thuto, ka jaana bana ba sa kgone go bala sentle kwa malwapeng, a gatelela fa seemo seo se tshwanetse sa emelwa ka dinao go babalela isago ya bana. BOkhutlo 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jun 2026