Lekgotla le kopa kemonokeng
22 Jun 2026
A ke maduo a thomo ya lekgotla legolo la batsadi le barutabana (Umbrella PTA) le le okametseng makgotla a a mabotlana a dikole tsa kgaolo ya Kanye.
Thomo e, e ne e tswa kwa khansele ya Kanye, morago ga Pitso ya thuto e e neng e tshwerwe ngogola go nonotsha le go tlhama makgotla a batsadi le barutabana kwa a seyong teng, maikaelelo e le go lemotsha setshaba botlhokwa jwa thuto.
Mogolwane wa khuduthamageng ya lekgotla le legolo la batsadi le barutabana la dikole tsa kgaolo ya Kanye, Rre Goitsebeng Setsogo, o boleletse khansele ya Kanye gore bontsi jwa dikole bo na le makgotla a a dirang mme kwa a neng a seyo, dikole tsa teng di ne tsa fiwa kemonokeng.
Rre Setsogo a re dikole dingwe jaaka se sebotlana sa Segopotso, se ne sa rekelwa motshine oo gatisang di pampiri (printer) fa se segolwane sa Mookami se baakanyeditswe bodilo jwa matlo a borutelo.
O ntshitse matshwenyego mabapi le go nyafala ga batsadi go ntsha dituelo tsa makgotla a batsadi le barutabana.
Rre Setsogo a re dikole di lebaganwe ke kgwetlho e tona ya boitshwaro jo e seng jone jwa baithuti bo akaretsa go kgokgontshiwa ga baithuti ba bangwe, bogodu, tiriso botlhaswa ya diritibatsi le bojalwa, go senya dithoto tsa sekole, go tlhokela barutabana botho gammogo le go tshola ka dilo tse diborai kwa dikoleng.
Dilo tse a re di paledisa barutabana le baithuti go itebaganya le tiro ya sekole mme se, se digele maduo a thuto kwa tlase.A re go onala ga dikago tsa dikole ke bothata jo bo lebaneng dikole go ralala kgaolo ya Kanye mme go ama maduo a thuto.
O kaile fa lekgotla la gagwe le na le maikemisetso a go tswelela ka go babakanya dikago tsa dikole ka mo go leng teng mme gape, lekgotla le dumalane go tsibosa batsadi ka boikarabelo jwa tshenyo ya bana mo dikagong tsa thuto.
A re ba ya go tiisa go phutha dikoleke tsa PTA le go netefatsa gore tsamaiso ya madi a tsone ke e e mo pontsheng.
Rre Setsogo a re maiteko a bone a tlaa akaretsa gape go dira dikampa tsa go aga maitsholo a baithuti (bootcamps) le tshidilo maikutlo. Mo godimo ga moo, komiti e supile keletso ya go thaya letlole la Central PTA, se e le go leka go tokafatsa tomagano ya ditsamaiso tsa lekgotla legolo. Rre Setsogo a re letlole le tlaa thusa segolo bogolo dikole tse di sokolang ka didirisiwa gareng ga tse dingwe.
Rre Setsogo a re, e re ka thuto e le boikarabelo jo bo kopanetsweng ke puso, setshaba, batsadi le dikole, lekgotla le lopa kemonokeng ya baeteledipele go tokafatsa thuto le maduo go ralala kgaolo ya Kanye.
A re boeteledipele jaaka dikgosi, mapalamente le makhanselara ba nne ba laletsa PTA go rutuntsha le go lekodisa morafe ka seemo sa thuto mo kgaolong.
Modulasetilo wa komiti ya thuto kwa khanseleng, mokhansara, Rre Anosi Kgomotso, a re komiti e a nametsege ka puso e dira sengwe go baakanye dikago tsa dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Phuthego ya khansele
Date : 22 Jun 2026






