Afrika o gwetlhiwa go nosa bana metsi aa phepa
18 Jun 2026
Bana ba tshwanetse ba bona tlhokomelo ka go thusiwa ka metsi a a phepa le tikologo e e phepa gongwe le gongwe fa ba leng teng, jaaka kwa dikoleng gore ba kgone le go ithuta sentle.
Se se boletswe ke Mookamela Koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation kwa Kanye, Rre Monametsi Ramosu kwa segopotsong sa letsatsi la Ngwana wa mo Afrika le le neng le tshwaretswe kwa sekoleng sa Ngwaketse Junior Secondary kwa Kanye bosheng.
Letsatsi le le ne le tshwerwe ka moono o o reng: Go netefatsa gore botlhe ba bona metsi a a phepa le tikologo e e phepa.
Rre Ramosu o tlhalositse fa mafatshe a Afrika a dira maiteko a go tokafatsa seemo sa metsi a a phepa ga mmogo le kgopho ya metsi a a leswe.
O supile fa lefatshe la Botswana le le mo seemong se se botoka ka jaana thothi ya metsi e fitlhelelwa ke ba le bantsi mo go tsamaiseng matshelo a bone a tsatsi le letsatsi.
Go ya ka mookamedi wa WUC, se se kgonagala ka ntlha ya go dira ka natla ga lefatshe leno mo dingwageng tse di fetileng mo go tlameleleng setshaba ka metsi a a phepa le go ba baya mo tikologong e e phepa.
A re le fa puso e dirile maiteko a, dinako dingwe go na le patelesego ya gore e felele e nosa setshaba ka didiba, mme e ntse e netefatsa gore metsi ao a phepa e bile a babalesegile.
Rre Ramosu a re lefatshe leno le segofaditswe ka metswedi ya metsi ka kwa bokone jaaka matamo a akaretsa la Ntimbale le Dikgatlhong, a a thusang go nosa borwa jwa lefatshe leno ka lenaneo la go tlisa metsi go tswa bokone go ya borwa.
O ne a amanya kgonagalo e ya phatlalatso ya metsi le ledula la kagiso mo Batswaneng gore ba kgone go arogana meamuso ya lefatshe kwa ntle ga dikgotlhang tsa merafe.
O tlhalosositse fa kwa Kanye, metswedi ya metsi e tswa mo di dibeng tsa Kgwakgwe le Selokolela, a tlatsa ka gore mangwe a metsi a tswa kwa madirelong a phepafatso metsi a Mmamashia kwa a phatlaladiwang go ya Thamaga, Moshupa le Kanye.
A re le fa go le jalo metsi a, ga a lekane setshaba ke ka moo go dirisiwang dikoloi tsa metsi go thusa setshaba go tokafatsa tlhaelo.
Rre Ramosu a re e re ka jaana metsi a le botlhokwa mo go botlhe, se se akaretsa le bana gore ba kgone go a dirisa go tlhapa, go nwa, go apaya le kgopho ya leswe kwa matlwaneng a boitiketso a dikole ga mmogo le kwa ba tlhapelang teng mo go ba ba nnang kwa dikoleng.
Go ya ka Rre Pego Seboko, moemela komiti ya kgaolo ya ditherisano tsa bana mo Kanye, e bile ele moithuti kwa sekoleng Ngwaketse JSS, o boletse fa letsatsi la ngwana wa Afrika, e le letsatsi la bana ba ba senang lentswe mo setshabeng.
A re batho mo Afrika ka bontsi ba tsogela mo matshwenyegong a gore; a metsi a ba a a nwang a babalesegile go ka se ba tsenye bokoa.
A re se ke bothata jo le lefatshe la Botswana le lebaganeng le jone, e leng letlhoko la metsi a a phepa mo mafelong mangwe.
Rre Seboko a re go ralala Afrika ka bophara ngwana a le mongwe mo borarong ga ana phitlhelelo ya metsi a a babalesegileng mme se se tsisa dikgwetlho jaaka dikole tse di tswalwang ka ntlha ya letlhoko la matlwana a boitiketso, le basetsana ba ba siiwang ke dithuto ka go bo seriti se sa rekegelwa mo dikagong tsa thuto.
A re e re le ntswa Botswana a tsweletse pele, dipatlisiso di kaya fa a santse a amiwa ke dikgwetlho tse di amang metsi a a phepa le tikologo.
A re kwa mafelong a a kwa tengnyana teng le metse selegae, bana ba santse ba tsamaya sekgele go batla metsi, fa dingwe dikole di santse di sena dikago tse di nang le kgopho ya metsi a a leswe .
Moithuti yo a re phitlhelelo ya botlhe e raya gore ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go bona tshiamelo ya metsi a a phepa.
Rre Seboko a re go botlhokwa go tlhokomela se ka gore letlhoko la metsi a a phepa le ka raya gore Ngwana a ka se kgone go tswelela le go ithuta, le gore ditlhabololo di ka ema mo metseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Segopotso sa ngwana wa MoAferika
Date : 18 Jun 2026





