Bagwebi ba nama ba leka methale e mengwe
18 Jun 2026
E re le fa tlhako le molomo e apesitse banni ga mmogo le bagwebi kobo ka letshoba, bangwe bagwebi ba nama ba kaile fa seemo seo se sa ba kgoba marapo le ntswa se amile dikgwebo tsa bone.
Ba kaile fa ba iketeile sehuba go lepalepana le kgwetlho eo go na le go rwala mabogo mo tlhogong le go suapana ka menwana.
Mo potsolosong, Mme Kerapetse Mosimenyane (48) yo o nang le marekisetso a nama kwa Tsabong o tlhalositse fa e rile puso e tsaya tshwetso ya go emisa theko le thekiso ya nama a ne a seka a tlelwa ke boitlhobogo mme a tswelela a tataisa kgwebo ya gagwe.
“Bolwetse jwa tlhako le molomo bo re amile thata rona ba kgwebo ya nama mme le fa go ntse jalo, ga ke a tswala madirelo ame ka jaana e le one a ntshedisang” a tlatsa jalo.
Mme Mosimenyane yo o simolotseng kgwebo ya nama ka ngwaga wa 2013 o boletse fa mo nakong e e thata jaana a tlamega go tsholetsa dikakanyo ka go tla ka megopolo e e ka tsweledisang kgwebo ya gagwe go ya pele ka jaana a na le badiri ba a ba thapileng.
A re seemo ga se letle ope go phutha mabogo mme se pateletsa banni ka kakaretso gammogo le ba dikgwebo tsa nama go batla methale e ba ka dirang letseno ka yone.
O boletse fa a thapile babereki ba le bane mme e rile seemo se ketefala, a nna fatshe le bone mme ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore go na le gore ba tswale marekisetso, ba simolole go rekisa nama ya koko.
Mme Mosimenyane a re fa ba ntse ba tsweletse a tlelwa ke mogopolo wa go reka nama kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission kwa Lobatse.
E re le ntswa kgwebo e tsweletse sentle, o supile fa dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang natso e le sekgala sa go latela nama kwa Lobatse a re o tlamega go dirisa madi a mantsi mo leokwaneng. A re ditlhwatlhwa tsa theko ya nama le tsone di a mmabalela mme a ikuela mo pusong go sekaseka ditlhwatlhwa tsa theko ya nama kwa matlhabelong a Lobatse.
Le fa go ntse jalo, Mme Mosimenyane o boletse fa a reka nama gape kwa madirelong mangwe kwa Gaborone ka jaana ba reka nama kwa dikgaolong dingwe tse di sa amiwang ke bolwetse a tlatsa ka gore ditlhwatlhwa tsa bone di botoka fa a di tshwantshanya le tsa matlhabelo a Lobatse.
A re kgwetlho e nngwe e tona, ke theko ya bareki ba gagwe ka jaana ba lela ka ditlhwatlhwa mme seo se dira gore kgwebo e dire dipoelo ka bonya a tlatsa ka gore e re kgwebo e le bonya, se se itumedisang thata ke gore o kgona go duela babereki ka nako.
O gakolotse bagwebi ba bangwe mo kgaolong go ikemela ka dinao a re ba tshwanetse ba tshwaragana le puso go batla ditharabololo tsa go lwantsha bolwetsi le gone go tla ka meakanya ya go tataisa dikgwebo tsa bone mo dinakong tse dithata jaana.
A re ba tshwanetse ba nna le tumelo le tshepo mo Modimong gore seemo se tla bepa mme tsotlhe di boele mo taolong jaaka pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 18 Jun 2026





