Breaking News

Mahalapye Bophirima e ipelela maduo

18 Jun 2026

Mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding le tlhokomelo bana, Rre Justin Hunyepa o galaleditse lenano la Mahalapye Bophirima la “School Performance Awards’ le le itebagantseng le go ipelela maduo a dikole tse di dirileng bontle mo kgaolong 

Lenaneo leo le simolotswe ke mopalamente wa kgaolo Rre David Tshere e le tsela nngwe ya go fa dikole thotloetso. Kgaolo e na le dikole tse dipotlana di le thataro, le tse dikgolwane di le pedi.

Fa a bua kwa moletlong o o neng o tshwaretse kwa sekoleng se se botlana sa Leetile Primary School se se gapileng maemo a sekole se se tokafaditseng maduo, Rre Hunyepa o supile fa tshwaragano ya ba-na-le-seabe botlhe mo thutong e le konokono ka jaana e ka tokafatsa maduo.

A re kwa ntle ga tshwaragano, puso e ka se kgone go rotloetsa mananeo a tshwana le kabo dieetsele mme a lebogela mopalamnete go tla ka lelanneo le le ntle leo le a reng le rotloetsa phadisanyo kwa dikoleng.

O boletse fa puso e itlamile go tsisa thuto ya boleng e bile e akaretsa botlhe a tlatsa ka gore maiteko a tsweletse go netefatsa gore tsotlhe tse di tlhokengang mo thutong di nna teng.

Rre Hunyepa o tlhalositse fa thuto e le botlhokwa ka jaana e ka fetola matshelo a Batswana mme a rotloetsa baithuti go e tsaya ka tlhwaafalo ka e le yone e ka ba betlalang bokamoso.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Tshere o boletse fa a diragaditse lenaneo le morago ga go rerisana le baithuti gore go ka dirwa eng go tokafatsa maduo a bone.

A re ba ne ba dumalana ka lenaneo leo mme ba tsaya tshwetso ya go tshwarela moeltlo kwa sekoleng sa Leetile ka jaana se dirile bontle ka go tokafatsa maduo.

Sekole se sebotlana sa Tshikinyega se ne sa ipoeletsa ka go gapa sekgele morago ga go phala dikole tse dingwe. Dikole mo kgaolong di beile seele sa maduo a 90 per cent mme go supagetse fa go sena sekole sepe se se fitlheletseng maduo ao. 

Rre Tshere o boletse fa dietsele di neelwa sekolo se se gaisitseng tse dingwe, se se tokafaditseng maduo, moithuti yo gaisitseng ba bangwe ga mmogo le morutabana yo gaisitseng se, ele go ipelela katlego le go ba rotloetsa go dira go feta foo.

Bafenyi ba ne ba iponela dimpho di akaretsa madi, tsa maranyane (tablets) le dibalamakgolo (lap tops) magareng ga tse dingwe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Kabo Dimpho

Date : 18 Jun 2026