Tshwaragano konokono mo twantshong lehuma
17 Jun 2026
Go dira dikgwebo tse di tshwaraganetsweng ke nngwe ya ditsela tse di ka thusang go tlhamela banana ditiro.
Mopalamente wa Lentsweletau/Lephepe, Rre Tshenolo Bogatsu a re go tshwaragana ke sengwe sa dilo tse a di rolelang hutshe segolo jang mo nakong e letlhoko la ditiro le kokonelang banana.
A re go kopanya megopolo go ka thusa banana go simolodisa dikgwebo tse di nonofileng go tlhamela ba bangwe ditiro le gone go fokotsa lehuma.
Rre Bogatsu, yo o neng a buisa banana kwa Kopong ka Mosupologo, a re o dumela fa setshwarwa ke ntsa pedi se se thata, ka jalo o gwetlhile banana go itlhotlhora lehuma ka go ikopanya mme ba bule dikoporase.
“Re a bona gore gompieno lehuma le le ntsi mo bananeng ka go sa tlhole go na le bokgoni jwa gore puso e ka ba hira botlhe, jaanong ke gore ba lebelele gore mo dikgaolong tsa bone go na le eng se ba ka se dirisang gore ba intshe mo lehumeng,” ga bua Rre Bogatsu.
Mopalamente a re fa banana ba dira kgwebo tsa dikoporase go motlhofo gore ba ka thusiwa ka madi e bile go nna motlhofo gore kgwebo ya koporase e itsetsepele ka gore ba bo ba kopantse dikitso le diatla tsa bone go e tsamaisa go sena matsapa a kalo.
“Fa re rekisa gole go ntsi re sena baphadisanyi go nna motlhofo gore re bone mmaraka o o bulegileng go na le fa rotlhe re ipuletse ka bongwe ka bongwe,” ga tlhalosa Rre Bogatsu.
Mogolwane wa lekalana kanoko dikgwebo wa Local Enterprise Authority (LEA) go tsweng Gaborone, Rre Tefo Keotsositse a re ba ikemiseditse go thusa ka botswapelo botlhe ba ba eletsang go dira mealo ya dikgwebo.
A re ba ba thusa gore ba kgone go tsamaelana le dithuso tsa madi a mananeo jaaka tsa lekalana la CEDA le a mangwe.
Mookamedi wa lekalana la CEDA kwa Molepolole, Rre Phepo Samson a re ba na le mananeo a faphegileng a lebaneng dikoporase.
Rre Samson o ne a sedimosetsa ba dikoporase go tlhodumela thekiso ya koko ya Setswana ka a re e na le dipoelo tse di kwa godimo.
A re dikgwebo tse dingwe tse di ka dirwang ke ya dijo tsa dikoko le matlhabelo le ya matlo a boroko a hirisiwang.
Rre Samson a re go na le dikgwebo tse di faphegileng tse eleng tsa bomme tse madi a tsone a sa busiweng ka jalo a kopa bomme go ikopanya go dira dikgwebo tseo.
Mogolwane wa ofisi ya bong le banana kwa Lentsweletau, Rre Duncan Madiabaso a re ba na le mananeo a ka thusang banana go tsena mo dikgwebong.
Le fa go ntse jalo, Rre Madiabaso a re banana ba maoto a tshupa go tsiboga go tla go kopa thuso.
A re dikgoro tsa ofisi ga gagwe e butswe ka jalo banana ba gololesegile go tla go ikopela dithuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Kopong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Jun 2026




