Letsholo la go batla ngwana le tsweletse
17 Jun 2026
Mapodise a Takatokwane a kopa setshaba go ba batlisa mosimane wa dingwaga tse di lesome le bongwe wa Takatokwane, yoo saleng a timela kgwedi eno e tlhola garataro.
Mogolwane wa mapodise a Takatokwane, Superintendent Douglass Khumalo, a re mosimane yoo, o timetse a na le ba bangwe ba ya merakeng.
A re o ne a kgaogana le ba a neng a na le bone ba sena go goroga kwa merakeng ya bone, fa e ne a fetela kwa go wa bone wa Nyatsane.
Rre Khumalo a re dipelaelo ke gore o ne a fosa tsela e fapogelang kwa morakeng wa bone, ka jalo a tsena ka ga reitse.
A re e rile batsadi ba bona a sa goroge, ba mo tsaya motlhala, mme ba lemoga fa a fapogile ka tsela e sele.
O tlhalositse gore mo letsatsing le le latelang, batsadi ba ne ba tswelela ka letsholo la go batla ngwana.
O tlhalositse gore motlhala wa ngwana yo timetseng o ne wa tsena ka morago wa Kwetla, kwa e rileng ba goroga teng, mosimane wa moraka oo, a tlhalosa fa a mmone, mme a ikaya fa a le patlong ya mahupu.
Supt Khumalo a re morago ga go timelellwa ke motlhala ka a ne a tsamaetse kgakala kwa go leng sekgwa, batsadi ba tsaya tshwetso ya go ikuela kwa go ba sepodise sa Takatokwane, kgwedi eno e le supa.
O tlhalositse fa motlhala wa gagwe o bonwe la bofelo gaufi thata le lefelo la diphologolo la Khutse Game Reserve, a supa fa jaanong o sa bonale ka go le sekgwa se se kitlanyeng.
A re letsholo la go batla ngwana le tsweletse, a tlatsa ka gore banni ba Takatokwane ba ba tshologile mokgosi.
Supt Khumalo a re ba dirisa maano otlhe a ka thusang mo patlong ya ngwana yo, go akarediwa sefofane sa sa thoo-tomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Takatokwane
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2026




