Ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e tsweletse
16 Jun 2026
Bosheng, Kgosi Thomas Mpenya wa kgaolwana ya Donga kwa Francistown o ne a epa pitso
kwa setshaba le ba-nale-seabe baneng ba kopana go tla ka methale ya go rarabolola go golela pele ga ditiro tsa borukhutlhi.
Lengwe la makalana a a neng a tsibogetse pitso eo ke la Botswana Defence Force (BDF), le moemedi wa lone Major Onalethata Kedidimetse a neng a supa fa kwa sesoleng ba tshwenngwa ke dikgang tse, bogolo jang kgokgontsho ya bong.
O boletse fa ba dira ka natla go itsa go kekela ga kgokgontsho ya bong, a re nngwe kgato e ba e tsereng ke go tlhoma komiti e e gogang kwa tlhogong maiteko a go lwantsha seemo seo.
A re e ne ya re ka Moranang mookamedi wa sesole a tlhoma komiti eo e e akaretsang ba boipelego, baruti le baitseanape ba tsa botsogo jwa tlhaloganyo, maikaelelo e le go aga sesha boitsholo jwa masole le go ba fa kemo-nokeng e e ka ba thusang go hema go amega mo dikgannyeng tsa kgokgontsho le melato e mengwe.
Major Kedidimetse a re go fitlha mo nakong eno komiti e setse e kile ya tshwara dithuto-puisanyo go ruta masole le go ba thusa go ipaakanya.
“Sengwe gape se re se dirang ke go rotloetsa phetogo ya dikakanyo. Re rotloetsa badiri ka rona go ithuta go laola maikutlo, seo e le gore ba tle ba kgone go tshela mmogo sentle le batho ba bangwe,” o ne a tlhalosa jalo.
Go tswa kwa go ba sepodisi, Sub Inspector Senoge Masole o ne a ama kgang ya tiriso ya ditagi a re e atile thata segolo jang mo bananeng.
Mme Masole o kaile fa bothata jo bo senya bokamoso jwa bana mme ka jalo go le botlhokwa gore go bo lwantsha go tshwaraganelwe.
O kgothaditse batsadi go nna gaufi le bana ba bone, a supa fa bana bangwe ba ikamanya le ditagi ka batsadi ba a bo ba sa baya matshelo a bone leitlho. O ne a rotloetsa batsadi go nna ba tlhola dikgetsi tsa bana tsa dibuka gore di ka tswa di tshotseng se se sa letlelesegeng, a re go dira jalo go ka thusa gore go tsibogwe ka nako fa bana ba tswa mo tseleng
Mmaboipelego Mme Bogadi Choose o tlhalositse fa go tshwanetse ga nna le ba boipelego kwa dikoleng gore ba kaele bana segolo jang ka e tlhaela go tswa mo morafeng.
Mme Chose o ne a re go botlhokwa go nna teng ga makalana a a lomaganeng a twantsho tiriso ya ditagi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Semakaleng Edward
Location : Donga
Event : Potsolotso
Date : 16 Jun 2026




