Mapodisi a tlhotlhomisa dikgetse tsa dipolao
16 Jun 2026
Mapodise a Goodhope a tlhotlhomisa ditiragalo tse di farologanyeng tsa dipolaano tse go belaelwang di ama bangwe ba baratani mo kgaolong ya Goodhope-Mmathathe.
Motshwarelela mookamela mapodise a Goodhope, Assistant Superintendent Kenneth Edward o rurufaditse seo a tlhalosa fa ba amogetse pego ka mafelo a beke e supa fa rre mongwe wa dingwaga tse masome a mararo le boferabobedi le mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse masome a mabedi le botlhano ba tlhokile kutlwano mme ba felela ba lwa.
A re bane ba tabogela koo mme ba seka ba bona ope ka gone go supagala fa bobedi joo bone bole mo tseleng bo tswa mo motseng wa Mmathethe goya kwa masimong a Mmalore.
A re ba ne ba ikgata motlhala mo mosong mme ka go tlhoka lesego ba fitlhela bobedi jo bo seo mo botshelong ka go ne go lebega fa wa mme yo o tlholegang kwa Magoriapitse a iteilwe ka sengwe mo sefatlhegong fa wa rre ene a yo a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa mme ba bapile le losea lwa bone le le nneng le sa amega.
O supile fa ba ne ba ragosetsa bobedi joo kwa kokelong ga mmogo le losea lwa bone lwa dingwaga tse pedi mme ba bongaka ba supa fa ba setse ba tlhokafetse.
Ass. Superintendent Edward o tlhalositse fa losea lo ne lwa tlhatlhobiwa ke ba bongaka mme lwa besides nkukualone, mmagwe motswa setlhabelo wa mme.
O kaile fa moswi wa rre e ne e le modisa kwa masimong a Mmalore mme a tlholega kwa motseng wa Selokolela mme a supa fa ditlhotlhomiso di tsweletse go batlisisa se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
Mo tiragalong e nngwe e e masisi, Ass. Superintendent Edward o tlhalositse gape fa ba ne ba amogela pego e supa fa mme wa dingwaga tse masome a mararo le borobabongwe wa Magoriapitse a fitlhetswe mo boidiiding jwa madi ke moagisanyi wa gagwe.
A re moagisanyi o boletse fa a ne a amogela mogala go tswa kwa mokapelong wa mme yoo, yo le ene a tlholegang mo motseng wa Magoriapitse a mo itsise fa ba tlhokile kutlwisisanyo.
“Moagainsayi a re o ne a ragogela kwa lelwapeng la bone mme a kopantshiwa ke matlhotlhapelo ao mme ka bofefo a re begela mme ra kgona go isa mme yo kwa kokelong kwa a neng a rurufadiwa fa a tlhokafetse’.
Ass. Superintendent Edward a re ka embassy, ba sepodise ba ne ba fitlhela modiramolato a seo mme morago a leletsa mongwe gore a bolelele mapodise gore ba ka mmona kae.
Ka lesego, a re ba ne tshwara mmelaelwa mme o ba thusa ka ditlhotlhomiso.
Ramapodise o ikuetse mo setshabeng gore fa ba na le dikgotlhang ba ikuele ko dikgosing, bagolo, ba boipelego gona le go go tsaa ditshwetso tse di maswe tsa go bolaana.
E re mapodise a dira ka gotlhe go ruta setshaba ka kgokgonthso ya beng, a re go ngomola pelo gore batho ba bo ba ntse ba tsweletse ka go gapela ba bangwe botshelo le gone go ikgapela botshelo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa ba sena go ipona tsapa go tswelela ka dithuto tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Goodhope
Event : Potsolotso
Date : 16 Jun 2026




