Breaking News

Go tshameka ke tshwanelo ya ngwana

16 Jun 2026

Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Tsabong, Rre Botlhe Scotch o kgothaditse batsadi go neela bana nako ya go tshameka ka jaana e le tshwanelo ya bone e bile go na le seabe se se tona mo kgolong ya bone.

O buile se kwa letsatsing la mafatshefatshe la go tshameko ga bana (International Play Day) le le neng le tshwere bosheng mo Tsabong ka setlhogo se se reng “Sireletsa motshameko, sireletsa bongwana.”

Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go golola bana gore ba tshameke. 

Letsatsi leo le simolotse go ketekwa ka ngwaga wa 2024 lefatshe ka bophara mo Botswana ka tshwaragano ya ba lekgotla  la UNICEF le ba Learn to Play morago ga ditshwetso tsa lekgotla la ditshabatshaba (United Nations General Assembly).

Rre Scotch o tlhalositse fa go tshameka go na le seabe mo kgodisong ya ngwana ka go bula tlhaloganyo ya gagwe, go mo thusa go akanya le gone go thusa itshidilo mmele.

O supile gape gore go tshameka go ruta ngwana go tshela le ba bangwe le gone go mo thusa go itumela le go rotloetsa boitekanelo jwa maikutlo.

O lebogetse gore letsatsi leo le bo le tshwaretswe mo Tsabong e le lwa ntlha mme a solofetsa fa batla a tswelela ka go netefatsa gore dikole tse di kgakala le ditlamelo le ipelela letsatsi leo.

“Dikole ka go farologana di tshwanetse go keteka letsatsi leo e le tsela nngwe ya go le tlotlomatsa le go arogana le setshaba botlhokwa jwa lone mo baneng,” a tlatsa jalo.

Rre Scotch o gwetlhile batsadi le batlhokomedi ba bana go emisa mokgwa wa go tshamekisa bana ka megala ya lotheka a re bana ba tshwanetse ba tshameka le ba bangwe.

O supile fa lefathse leno le itlamile go gagamatsa tirisanyo mmogo le lekgotla la United Nations tlotlomatsa tshwanelo ya bana ya go tshameka a tlatsa ka go kopa kemo nokeng ya batsadi go fitlhelela seo.

Mopalamente wa Kgalagadi borwa, Rre Tokyo Modise o ne a gatelela botlhokwa jwa go tshameka ga bana a supa fa seo se ka ba thusa go itshidila le gone go fokotsa go ka tsenwa ke malwetsi.

A re gantsi basetsanyana fa ba gola ba tlhalefa pele ga basimanyana a tlatsa ka gore le mo dikoleng tse di potlana ba gaisa ba basimane mo dithutong mme seo se fetoge fa ba tswelela le dithuto ka ba basimane ba ntsha tlhogo.

Baithuti ba sekole se se botlana sa Tsabong ga mmogo le ba dikole tsa bananyana (Pre Schools) e ne e le ba tsaya karolo mo letsatsing leo ka jaana ba ne ba natifisa ka metshameko e e farologanyeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Letsatsin la mafatshefatshe la go tshameko ga bana

Date : 16 Jun 2026