BMC e tlaa oketsa ditirelo
16 Jun 2026
Botswana Meat Commission e mo legatong la go oketsa ditirelo ka go agwa ga lefelo la go dira dijo tse dinnang mo dithining(cannery).
Se, se builwe Mopalamente wa Lobatse Rre Kamal Jacobs o buile jalo bosheng jaaka ane a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Thema/Motswedi bosheng.
Rre Jacobs a re katolotso ya ditirelo e tlaa thusa go tlhama ditiro go fokotsa dipalo tsa batho ba ba babalelwang .
O tsweletse a tlhalosa gape gore lefelo la tshugo ya matlalo (tannery)le go tokafatsa dikago e setse e le gaufi le go fela mme tsholofelo ke gore le yone fela jalo e tlaa tlhamela Batswana ditiro, a tlatsa ka gore lenaneo la Leather Park le mo ditogamaanong tsa puso.
Mo go tse dingwe, Rre Jacobs a re jaaka puso e tsosolosa itsholelo go solofetswe gore mo bo
gaufeng go goroge dikgomo tsa mashi dile makgolo a mabedi go tswa kwa lefatsheng la Brazil, a tlhalosa gore maikaelelo ke go tlhama ditiro le go tokafatsa matshelo a Batswana.
Mopalamente o tsweletse a tlhalosa gore Milk Africa o fetogile go nna Milk Valley, e le lekalana la Botswana Development Corporation.
A re e tlaa thusa gore Batswana ba seka ba ikaega ka mafatshe a mangwe le go fokotsa tlhaelo ya mashi mo mmarakeng.
Rre Jacobs o gakolotse banni go tlhokomela dikgomo tsa bone kwa merakeng go thusa puso go lwantsha tlhako le molomu.
Mo go tse dingwe Rre Jacobs o tlhalositse gore go dirwa molao wa kakanyetso wa dikatso tse di kwa tlase, go nna (P4000) ka kgwedi, a tlhalosa gore o tlaa sekasekiwa mo palamenteng ya mariga a tlatsa ka gore tsholofelo ke gore phetogo e, e tokafatsa matshelo a babereki.
Fa a bua ka lenaneo la Ikageng, a re ga le na go kwadisa batho ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano, maikaelelo ke go fa basha le batho ba ba santseng ba le mo dingwageng tsa go bereka sebaka.
Rre Jacobs o supile fa a itse gore go bo go fokoditswe dipalo tsa badiri ba lenaneo la Ikageng go ngongora morafe mme a supa fa go bakwa ke seemo sa itsholelo, a tlatsa ka gore puso e batla tharabololo gore batho ba tle ba boele ka dipalo tse dintsi mo lenaneong le.
Mopalamente Jacobs o boletse gore khansele ya Lobatse e rekile koloi e ntsha ya setima-molelo gore e tokafatse mo go tsibogeleng dithuso tsa tshoganyetso tsa melelo, a tlatsa ka gore go solofetswe koloi e nngwe e tona ya setima molelo, a re e tlaa thusa thata bokgoni jwa go sireletsa matshelo le dithoto tsa banni.
Mo go tse dingwe, Kgosi Serogola Seretse wa Thema/Motswedi, o kopile gore bo-ralekgotla ba lemogiwe ka go atswiwa, a re ba dira tiro ka botswa-pelo, le go thusa dikgosi ka jaana e le bone ba itseng batho thata mo kgaolong.
O boletse gape gore ba kopana gangwe le gape e le bogogi jwa colleague le ba komiti e e sireletsang bana, go ema kgatlhanong le nnotagi, kgokgontsho le bo-tlho-ka-tsebe, ga mmogo le go etela dikolo go fa baithuti maele a botshelo.
Mongwe wa ba-tsena phuthego, Mme Lorato Make-do o boletse fa a tshwenyegile thata ka batsakwa ba ba tshelegelang mo lefatsheng le, mme seemo sa itsholelo sone se le kwa tlase, a re seo se tsile go oketsa mathata ka jaana dipalo tsa banni di a oketsega mme go nne mosuke.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Thema /Motswedi Rre Velem Heii o lebogetse morafe go tla go itseela ka tsebe le go fa mopalamente mofago goya palamenteng.
Mabapi le tlhokomelo ya leruo o boletse fa phuthegong tse a di tshwereng mo kgaolong ya gagwe barui ba supile fa bone ba sa ruele dikgomo mo toropong ya Lobatse, mme ba tlhalosa fa dikgomo tse di bonalang e le tsa kgaolo e e mabapi ya Ramotswa.
Rre Heii o boletse gape gore puso e tshwere ka thata go tsosolosa itsholelo ya lefatshe a re mathata a matona ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo kwa marekisetsong ka gore ba turelwa ke lookwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jun 2026




