Breaking News

Ba Pole ba iteela puso legofi

16 Jun 2026

 

Dipelo tsa banni ba Pole mo kgaolong ya Tati bophirima di boetse mannong morago ga gore selelo se ba tswang goo-lowe ba lela ka sone, sa go agelwa

diofisi tsa kgotla se arabiwe.

Pole, o sa tswa go rolelwa diofisi tsa kgotla tsa manobonobo tse di nang le diofisi di le supa.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Clinic Ketlogetswe wa Pole o boletse fa ba sa bolo go lela ka go tlhoka diofisi tsa kgotla gotswa ka ngwaga wa 2012 mme o

leboga puso go bo e tsere kgato ya go araba selelo sa bone.

Kgosi o tlhalositse fa diofisi tseo di simolotse go agiwa ngogola ka kgwedi ya Phukwi mme tsa wediwa monongwaga ka kgwedi ya Mopitlo, a re sebe sa phiri ke go bo di santse di

tlhaelelwa ke di dirisiwa, e bile gape ka go ya tsone e ne e sa akaretsa matlo a boroko jwa bodiredi.

Le fa gontse jalo, Kgosi Ketlogetswe o boletse fa morafe o iteetse legofi tlhabologo eo, e a kaileng e tlaa fetola tebego ya motse le go thusa go atumetsa bodiredi bongwe jo bo tshwanetseng go ka bo bo le teng kwa kgotleng ya bone mme mo nakong eno bo seyo.

O boletse fa jaanong ba nna ba lebile tsela ka tsholofelo ya gore gongwe mob tsamaong ya nako kgotla ya bone e tlaa fiwa bodiredi jo bo akaretsang modiri yo o phuthang dikoloto,

mophepafatsi le mapodisi.

Kgosi o tsweletse a supa botlhokwa jwa gore kgotla ya bone e nne le badisa dikago go sireletsa dithoto tsa puso.

Mo go tse dingwe, Kgosi Ketlogetswe o boletse fa borukutlhi bo kekela kwa Pole, ka jalo a re go botlhokwa gore motse o nne le mapodisi bogolo a mane ka palo, gore a kgone go tshwaragana le morafe go bo lwantsha.

A re bosheng jaana go nnile le ditiragalo di le tharo tsa go thujwa ga matlo go bo go utswiwa dithoto mme ga seka ga tshwarwa ope mabapi le ditiragalo tseo, a re manweeenwe a dira go kgona le go rata ka ba bo ba itse gore ga gona mapodisi mo motseng.

Le fa gontse jalo, o ne a gwetlha morafe go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go lwantsha borukutlhi ga mmogo le go sireletsa dithoto tsa bone, a re thuo ya dintsa ke sengwe se ba tshwanetseng go se tseela kwa godimo ka di ka ba tsibosa fa sengwe se diragala bosigo mo malwapeng a bone.

Kgosi o ba gakolotse go tsibosa ba ba maleba fa ba belaela metsamao ya bangwe mo motseng, a re go le gantsi manweenwee a dira dipatlisiso motshegare mme ba bo ba tla ba

dira tiro ya bone bosigo.

Fa a itebaganya le boitshwaro jwa banana, Kgosi Ketlogetswe o tlhalositse fa boitshwaro jwa bone e le jo bo nametsang, ka a se ke a amogela dipego dipe tsa bo-tlhoka-tsebe jwa banana mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : POLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2026