Tona o kopa banni go ithaopa
10 Jun 2026
Tona wa lefatshe le temo-thuo Dr Edwin Dikoloti o kopile banni ba Mmathethe le metse e e mabapi go potlakela go aga terata e e kganelang motsamao wa leruo.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi, Tona o supile fa puso e lemoga manokonoko a go emisa thekiso ya dikgomo.
A re ke ka moo go leng botlhokwa gore terata eo e potlakelwe gore bolwetse jo mo nakong ya gompieno bo utlwalelwang kwa Molapowabojang le Kgomokasitwa bo seka jwa anamela kwa pele.
O supile fa seo gape seka thusa gore gongwe e kare mo bogaufing, puso ya sekaseka seemo sa bolwetsi mme kwa bo seong teng barui ba ka letlelelwa go rekisa.
Dr Dikoloti o supile fa mo nakong ya gompieno gole botlhokwa gore mongwe le mongwe a eme ka dinao go lwantsha bolwetse, a supa fa bo sa babalele barui fela mme bo ama le itsholelo ya lefatshe.
O supile fa terata eo e simolola kwa Ramotswa, mme e fete ka Otse, Ranaka, Kanye, Mmalore, Banyana Farms go fitlhela e wela kwa Werda mme e le sekgala sa dikhilomethara tse 330.
“Go tlaa nna le balebeledi ba dikgoro tsa terata eo go netefatsa gore ga gona dikgomo tse di fetelang ka fa ntlheng e nngwe,” ga bua jalo Dr Dikoloti.
O kopile setshaba gore morero wa go aga terata eo, o seka wa nna moleele ka jaana bolwetse bo ka tloga jwa jwelelela go santse go rerwa jaaka go diragetse kwa dikgaolong tsa Barolong.
E ne e rile gole pele, Kgosi wa Mmathethe Kgosi Thabo Mathiba a supa fa mephato ya motse wa gagwe e le malala a laotswe go dira tiro eo ya go aga terata.
O ne gape a kopa morafe wa gagwe gore ope fela yoo kgonang a ithaope go thusa, a supa fa seo seka dira gore bolwetse bo fenngwe ka bonako.
Mongwe wa ba-tsena phuthego, Rre Lesedi Lekgowe ene o supile fa a amogela kopo ya ga Tona Dikoloti mme a tlhalosa fa dikgomo tsa matimela e le tsone di tsileng go dira gore bolwetsi bo nne dingalo go fela.
O kopile ba ba maleba gore ba leke go tsaya dikgomo tseo ka di sa laolesege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Mmathethe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jun 2026




