Breaking News

Ba Gabamochaa ba itela mo go mopalamente

10 Jun 2026

Mopalamente wa Maun North, Rre Dumelang Saleshando, o solofeditse banni ba Gabamochaa fa a tlaa ikgolaganya le ba botsogo go latedisa se se emisitseng go isa ditlamelo tsa botsogo kwa motseng oo.

Rre Saleshando o ne a tsibogela selelo sa banni mo phuthegong ya kgotla bosheng, a supa fa botsogo e le konokono ebile Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go akola ditlamelo tsa botsogo.

E re ka motse oo o ise o tlhomamisiwe, banni ba supile fa bagodi ba ne ba koleka go aga ntlwana e ba amogelelang mo go yone mme ba dumalana gape ka bongwefela jwa pelo gore e nne yone e ba tlaa akolelalng ditlamelo tsa botsogo mo go yone, go ba kgaola mosepele wa go ya kwa Shorobe.

Banni ba boletse fa ba botsogo ba ntse ba ba etela gangwefela mo kgweding mme thulaganyo eo e na le dingwaga e emisitswe.

 Gape, ba supile fa merwalela e ba paledisa go latela ditlamelo tsa botsogo kwa Maun le Shorobe ka jaana metsi a tswetse ditsela le marogo.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tshiamo Forembe, o supile fa ba na le marogo a le mararo mme otlhe a penologa.

O tlhalositse fa marogo ao ba a diretswe ke ba mokgaltlho wa Elephant Havens, o o tlhokomelang ditlowana tsa maisela le tse di nyeleletsweng ke bo mmatsone.

Elephant Havens gape e ruta setshaba ka tshomarelo diphologolo le tikologo.

Rre Forembe o boletse fa bagodi ba tlamega go tlola dinoka ka ditonki go ya go bona ba botsogo mme bangwe ntateng ya bogodi.

“Re leboga go menagane ka jaana ba Elephant Havens ba ne ba re tswa thuso gape bosheng, ba dira gore re kgone go tlola, ke ka moo le  kgonneng go gogora kwano. Mokgatlho o, o tswa kgakala o re tshegeditse ka jaana le metsi re nwa a a phepa ka ntlha ya bone,” Rre Ferembe a supa.

Mo dikgannyeng tse dingwe, banni ba ne ba itela mo go mopalamente ka tshenyo e e dirwang ke diphologolo, ba supa fa ba itshetsa ka temo le go rua mme ditlou le ditau di ba jesetsa mo kgobedung. Ba re sebe sa phiri ke go re le fa ba ikuela, go tsaya nako gore ba thusiswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Gabamochaa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Jun 2026