Breaking News

Tlhako le molomo e beile bagwebi ka fa mosing

04 Jun 2026

Bangwe bagwebi ba ba botlana ba lela ka fa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo bo  amile dikgwebo tsa bone fela thata. Ba re go emisiwa ga thekiso ya loruo go amile thata bareki ba bone ba bontsi ja bone eleng barui.

Mongwe wa bagwebi ba, Mme Elsie Edison (39), wa semausu sa Three Angles mo Tsabong o boleletse lekalana la dikgang la BOPA fa Tlhako le Molomo e dirile gore kgwebo ya gagwe e wele tlase go simolola ka kgwedi ya Moranang monongwaga.

Mme Edison a re bontsi jwa bareki ke barui ba a reng ba itshetsa ka go rekisa leruo la bone mme jaanong ba sa bone letseno lepe ka lebaka la go emisiwa ga thekiso ya leruo ele nngwe ya ditsela tse puso e lekang ka tsone go thibela kanamo ya bolwetse.

A re o ne a dirisana le barui bangwe ka jaana ba ne ba dumalane ka sekoloto sa dijo mme e re morago ga ba sena go rekisa ba duele, selo se a supileng fa se sa tlhole se diragala ka jaana barui jaanong ba sena letseno lepe.

Mme Edison a re letseno le a le dirang ke le le lekaneng go duelela Insurance, metsi le motlakase fela mme ebile a palelwa le ke gone go tlhokomela lelwapa lwa gagwe jaaka pele. O ne  supa fa gape a ne a ikaegile ka phiriso ya ditante mo meletlong ya  manyalo, dintsho, ditiro tsa puso  le gone go apaya mo go tsone  mme tsotlhe tse di eme tsi!

Lefa go ntse jalo o ne a ikgomotso ka gore seemo sa tlhako le molomo le kwelo tlase ya itsholelo o dumela gore di  tlaa feta  ka jaana  letsatsi  le phirimelela go tlhaba gape.

Mme Edison o kgothatsa  bagwebi ba ba botlana  gore ba seka ba itlhoboga, segolo jang ba ba setseng ba tswetse dikgebo tsa bone ka lebaka la seru se se wetseng lefatshe sa tlhako le molomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 04 Jun 2026