Breaking News

Hunyepa O Tlhodumela Seemo Sa Dikole

04 Jun 2026

Mopalamente wa Tati West, Rre Justine Hunyepa o boloditse letsholo go tlhodumela seemo sa dikole mo kgaolong ya gagwe. 

Maikaelelo a letsholo leo ke go utlwa ka dikgwetlho tse di aparetseng dikole, ga mmogo le lekola bodiredi le baithuti ba dikole tse dipotlana tsa Ramokgwebana le Jackals No 1.

Rre Hunyepa yo gape e leng mothusa tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding le tlamelo ya bana, o akgoletse barutabana le dikomiti tsa batsadi le barutabana (PTAs) go supa boikarabelo mo thutong le boitekanelo jwa baithuti.

A re tirisanyo mmogo ke konokono mo go tlhabololelng thuto le gone go ntsha maduo a a itumedisang.  

Rre Hunyepa o ne a ba kopa go tswelela ba tshwere ka natla le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho a tlatsa ka gore ba seka ba kgobiwa marapo ke sepe ka jaana thuto e le bokamoso jwa bana.

O boletse fa lephata le itse ka dikgwetlho tse di ba emeng pele e bile le dira ka natla go batla ditharabololo. 

O file sekai ka tlhaelo ya boroko a re ke maikaelelo a lephata go netefatsa gore bodiredi bo direla mo tikologong e e nametsang gore ba tie moko.

Rre Hunyepa a re ba tshwanetse ba tlhaloganya fa itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile thata ka diteemane tse mo nakong eno, theko ya tsone e santseng e le boutsana. 

O tsweletse a tlhalosa fa tshenyetso setshaba ga mmogo le tlhagogo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo le tsone di nnile le seabe mo kwelo tlaseng ya itsholelo.  

Mopalamente o file sekai sa gore fa dikole di ka dira ditshingwana tsa merogo, go ka go jesa bana mme seo se fokoletse puso morwalo wa go reka sengwe le sengwe. 

Le fa gontse jalo, Rre Hunyepa o ba gwetlhile go dirisa ofisi ya gagwe a tlatsa ka gore ba seka ba lapa dipelo go mo lekodisa ka matshwenyego a bone.

Fa ba tswa la bone, bodiredi bo ne jwa lekodisa mothusa tona ka matshwenyego a bone le ka fa ba tsweletseng ka teng mo dithutong tsa bone.

Bagokgo, Mme Ottilia Chakalisa le Mme Olivia Maunge ba dikole tsa Jakalas No 1 le Ramokgwebana ba ne ba itsese mopalamente gore  e re le ntswa dikole di lebanwe ke dikgwetlho, di ntsha maduo a a nametsang ka jaana a tokafala ngwaga le ngwaga.

 Mme Maunge o ne a ikuela ka tlhaelo ya matlo a borutelo mme e bile a kaya fa a a leng teng a le mannye ebile bana ba pitlagana mo go one, ka jalo a kopa gore bogolo ba agelwe a le mabedi a a bulegileng.

 Mongwe wa barutabana kwa Ramokgwebana, Mme Gaorekwe Chinu o supile fa barutabana ba dikole tse di potlana ba sa tsewe ka go lekalekana le ba tse dikgolwane, le fa ba ka tswa ba na le dithutego tse di lekanang.

Ka jalo a kopa gore kgang eo e lebeilwe ka e ama le dituelo tsa bone. 

Moapei kwa sekoleng sa Ramokgwebana, Mme Samaria Samson o supile fa go le gantsi fa go tla mo borokong go lebelelwa barutabana fa bodiredi jo bonmgwe mo sekoleng bo bewa ka fa mosing mme a kopa mothusa tona go leba ntlha eo ka jaana botlhe e le bodiredi jwa sekole.

Maloko a PTA le one a ne a ikuela mo pusong go sekaseka gore a ba ka seke ba fiwe dikatso ka jaana ba dira tiro e tona e bile ba dirisa ditsompelo le nako ya bone. Ba re dikatso di ka ngoka batho go tsena mo dikomiting tseo ba sa ipone tsapa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Jackalas 1

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jun 2026