Bagaisamang o leboga baithaopi go lwantsha tlhako le molomo
03 Jun 2026
A re go botlhokwa go ikemele ka dinao go lwantsha kanamo ya mogare wa tlhako le molomo.
Rre Bagaisamang yo a neng a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Otse ka Labone a re baithaopi ba supile mowa wa boipelego le boikarabelo, ka jalo ba tshwanetse go rotloediwa.
O kgothaditse setshaba go sala ditaelo tsa lephata la temo-thuo morago, go hema bolwetse.
Fa a itebaganya le seemo se se sa itumediseng sa dikole le dikokelwana, a re puso e tsere tshwetso ya go tlhoma khamphani ya puso e e tlaa di baakanyang.
Rre Bagaisamang o supile fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba ikgatholosang bana a re, molao o teng o o sireletsang bana mme ba ba dirang jalo ba tlaa salwa morago.
Mopalamente o tsibositse banni ka tshenyetso setshaba, a re ba botlhe ba ba ka amegang mo tshenyetso setshaba ba tlaa tseelwa dikgato go ya jaaka molao o tlhalosa.
Mo gotse dingwe ,Rre Bagaisamang o rotloeditse banni ba Otse go tsosolosa dikoporase gammogo Ie go lema letlhare la moringa gore ba gwebo ka one.
Fa a akgela, modulasitilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Kago Selebatso o lebogetse puso ka lenaneo la Ikageng le kago ya kokelwane e tsweletseng.
Mme Selebatso o ne a supa ngongora ka tlhaelo ya metsi le motlakase ka ntlha ya go gola ga motseng le letlhoko la ditiro segolo jang mo bananeng mme a kopa gore ba agelwe lefelo la itloso bodutu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Otse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Jun 2026





