Lore Lo Ojwa Lo Sale Metsi - Kgari
02 Jun 2026
E re ka gotwe tau e Iphutha metlhala fa ele esi..., e ne ya re phirimane ya Matlhatso borre ba Mokwena ba itima nako ya go itisa le ba malwapa a bone jaaka gale mme ba apara dijase ba leba kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, go tsibogela pitso ya borre.
Ba ne ba dira jaana go tla go kokoana kwa lekgotleng la Molepolole ba ora molelo ka e bile e le paka ya mariga, ba ja dikgang tse di amang lenyalo le tsamaiso ya bogadi.
Gareng ga borre ba, kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba Young Fathers Forum (YFF), e ne e le Kgosikgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III.
E rile a ntsha la gagwe Kgosi Kgari o roltloeditse borre go arogana le bana ba basimane maele a botshelo segolo bogolo go tlhaloganya boikarabelo jwa bone mo go ageng malwapa kgotsa manyalo a motia.
Kgosi Kgari a re borre ba tshwanetse go kaela bana ba basimane tsela gore ba kgone go hema kgotsa go emelana le dikgwetlho tsa manyalo.
A re maikaelelo a maitiso ke go gwetlha borre ba ba nyetseng go tla go abelana maele ka decking tse di ba tlhorisang boroko mo lenyalong le go tswa ka ditlharabololo.
Kgosi Kgari a re thitokgang e ne ele go sekaseka le go leka go kabakanya ditsamaiso tsa setso le diphetogo tsa sesha tse di amang lenyalo.
A re le fa ngwao le tsamaiso tsa Setswana e le tsone motheo wa malwapa go botlhokwa go impatiently le diphetogo. Le fa go ntse jalo a re diphetogo ga di a tshwanela go kgoreletsa tsamaiso ya lenyalo, di tshwanetse di dirisiwa go nonotsha le go rotloetsa lenyalo.
Fa a tlhalosa ka thulaganyo ya bogadi mo ngwaong ya sekwena, a re bogadi ke dikgomo mme a seka a itlhokomolosa gore metlha e tsile ya gore bangwe ba ikanye go ntsha bogadi jwa madi.
O ne a tlhalosa gore go le gantsi bogadi bo tswa ele dikgomo tse di namagadi kgotsa di ka kabakanngwa ka tse di tonanyana.
“Gore go bo sa tlwaelesega gore go ntshiwe bogadi jwa dikgomo tse ditonanyana ke gore ga se tse go ka solofelwang gore di ate.
Kgosi Kgari o kgadile mafoko a puo ya seesemane a reng, bride price, a re ga e beye bogadi sentle ka gore e supa jaaka o kare bogadi ke tuelo. O ne a gatelelela gore bogadi mo setswaneng ga se tuelo ke tebogo.
Tlhaloso ya ga Kgosi Kgari ya gore bogadi ke tebogo e seng tuelo, e ne ya tlisa ketsaetsego mo go bangwe ba borre ka ba ne ba ipotsa gore ke eng gotwe ga se tuelo ntswa go lete gore o ka tsaa mosadi fela o sa ntsha bogadi.
Mo tlhalosong ya gore ga tla jang gore pudi e seka ya dirisiwa go ntsha bogadi, mongwe wa mabutswapele a Mokwena, Rre Moshaokanyana Motshweneng o ne tlhalosa gore ‘ga re na bogadi jwa podi. Kana podi e na le mmolelo, e bolelela thata, e dipuopuo. Fa o ntshetsa mosadi bogadi ka yone, go tsile go tlhaga medumodumo fela mo go ene,’.
Rre Moshaokanyane a re mo tsamaisong ya Sekwena, nku ke yone e e neng e a tle e ntshiwe ele bogadi, e bidiwa perepetsha.
Mongwe wa matlhogoputswa, Rre Tsogang Mmelebele o ne a latlhela la motlapitso, a re bogadi jwa sekwena ke kgomo tse thataro mme di nna borobabobedi ka kgomo ya kota e e tsewang ke malome le ya metsi e e tlhabiwang.
Ya re dikgang di ya magoletsa jalo ga tsoga ngangisano fa modulasetilo wa YFF, Rre Merapelo Karabo a sena go ngwaya ntho legogo ka gore mo segompienong borre ba patelesegang go mekamekana le go ntsha bogadi le mokgweleo otlhe wa lenyalo go sena yo o ba emang nokeng.
Rre Merapelo a re batsadi ba ikgatholositse maikarabelo a go thusa ngwana bogadi, ka jalo seemo seo se ama itsholelo ya lamella le a le simololang ka a kokonelwa ke dikoloto tse gantsi di tshosang kgotlhang mo nyalong.
A re kgokgontsho ya dipuo e tsena gone foo mme kgantele e tsale dintwa mme go bake tlhalano.
Bontsi jwa borre bo ne ba dumelana gore ba babalelwa ke bogadi le ditshenyegelo tsa mokete wa lenyalo.
Fa a ba kgwa kgaba Kgosi Kgari le matlhogoputswa ba supa fa manyalo a segompieno a tletse mantlontlo a a dirang gore borre ba ketefalelwe ke lenyalo, ba lebile gore go seka gate ba paletswe ke go dira mokete wa mabono.
Fa a tswala , Kgosi Kgari a re, ‘mokgokgontshi o tlaa nna a gogela kwa kgokgontshong fela, ka gore le ba ba sa nyalang go lebega ba kgokgontsha go feta.”
Kgosi Kauri o ne a bua jalo a kgala kgang ya gore kgokgontsho e tlhotlhelediwa ke bogadi.
O gwetlhile batsadi go thusa bana go ntsha bogadi, a gatelela gore bogadi ke bontlha bongwe jwa ngwao ya Setswana.
“Go fetola ngwao go laolwa ke batho ba yone. Go lebega batho ba santse ba rata bogadi. Bogadi bo santse bo nale bokao mo matshelong a rona,” ga tlhalosa Kgosi Kgari.
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : pitso ya borre.
Date : 02 Jun 2026




