Breaking News

BA MOKOBENG BA KOPA GO ABELWA DITSHA

02 Jun 2026

 Banni ba Mokobeng ba buile ba sa kgwe mathe ka go diega ga lekgotla la kabo ya ditsha go ba abela ditsha.

Fa ba a kgwa dikgaba mopalamente wa Tswapong Borwa, Dr Kesitegile Gobotswang kwa phuthegong ya kgotla, ba supile fa malwapa a aparetswe ke dikgotlhang ka ntlha ya go nna ga batho ba le bantsi mo lelwapeng le le lengwe.

Ba supile fa se se ngomola pelo ka jaana bagwe le dingwetsi di gorogela mo ditsheng tsa batsadi, go felele go tsisa dikgotlhang ka banyalani ba sena ditsha tse ba ka ikagelang kwa go tsone.

Banni ba tsweletse ba supa fa ba ngongorega ka bobegadikgang jwa puso, ba re ga bona boitlhamedi (creativity), se se feletsang se ba tlama go ikanya jwa Aforika Borwa.

Fa a tswa la gagwe, Dr Gobotswang o tlhalositse fa go sena thulaganyo e e tlhapileng ya gore go bewe ditsha.

O supile gore le fa seemo sa tiego ya peo ya ditsha se ngomola pelo, o nalee tsholofelo ya gore puso e tlaa se tsibogela ka bofefo.

Fa a bua ka bobegadikgang jwa puso, Dr Gobotswang a re tsholofelo ke gore bobegadikgang jwa puso bo tlaa fetolwa go dirwa jwa setshaba (public broadcasters), mme seo se tlaa dira gore bo ikemele ka nosi.

Fa a tshwaela ka lenaneo la setshaba la ditlhabololo la bolesome le bobedi (NDP12), Dr Gobotswang o supile fa molelwane wa Martins Drift o tlaa tlhabololwa go bereka bosigo le motshegare.

“Borogo le jone bo tlaa dirwa. Re bo tshwaraganetse le ba Afrika Borwa,” o ne a tlhalosa jalo, a supa fa maikaelelo a go bula kgoro ya molelwane bosigo le motshegare e le matlhagola-tsela go isa kwa itsholelong e e tsamayang bosigo le motshegare.

Fa a bua ka ditsela, Dr Gobotswang o supile fa lephata le le tlhokometseng ditsela le supile fa le tlaa baakanya dingwe tsa ditsela tsa kgaolo go rotloetsa tomagano ya batho mo kgaolong.

O kaile fa ditsela di tshwana ya Seleka-Mokobeng, Seleka-Rrammai, Seleka-Ramokgonani, Pilikwe-Maape le Moshopha-Shakwe e le dingwe tsa tse di tlaa baakanngwang.

O tsweletse a supa fa go itumedisa go bo puso e dumalane le banni ba Tswapong gore ba tshwanetse go akola meamuso ya noka ya Limpopo, mme ka sekgwama sa puso se santse se sa ema sentle, kgang ya teng e santse e eme.

“Re batla go baya masimo le rona gaufi le noka e, re batla go tshwara ditlhapi, re dire le bojanala, mme ke tsholofelo ya rona gore fa seemo sa itsholelo se tokafala, re baakanye kgang e,” a rialo Dr Gobotswang.

O tsweletse a re seemo sa gore Batswana ba tshwanetse go kopa go fitlhelela le go anywa meamuso ya noka ya Limpopo le go bereka fa molelwaneng se a swabisa.

Dr Gobotswang o supile fa nako e tsile ya gore kgaolo ya Tswapong Borwa e thame ditiro ka go aga madirelo le go ntsha dithoto ka go farologana.

“Seemo se re tlama go ema ka dinao gore bana ba rona ba bone mebereko,” Dr Gobotswang o ne a wetsa jalo.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Lerala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jun 2026