Breaking News

Malope o tlaa bolotsa mophato

02 Jun 2026

Kgosi Malope II wa Bangwaketse o tlaa bolotsa mophato wa makawana a dingwaga tsa gotswa 1996 go fitlha 2000. 

Mophato o tlaa bolola mo mosong, kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a marataro. Ba tlaa amogelwa kwa kgotleng mo mosong wa letsatsi le le latelang ke Kgosi Malope II le morafe. 

Tiro eo e tlaa wela fa Kgosi Malope II a sena go rurifatsa le go fa mophato leina. 

Makawana go ralala kgaolo ya GaNgwaketse a solofetswe go nna karolo ya mophato o. 

Se se boletswe ke moemela Kgosi yo mogolwane, Kgosi Kwelagobe Mookodi ka Labone, fa a ne a buisa babegadikgang mo boemong jwa ga Kgosi Malope II kwa Kgotleng kgolo ya Kanye. 

Kgosi Mookodi a re thulaganyo ya mophato e simolodisiwa ka go bolotsa mophato, mme e wediwe ka go tlhomamisa mophato, o fiwa leina. O tlhalositse gore Kgosi Malope II ke wa mophatlo wa Matlotlakgosi. 

Kgosi Mookodi o tlhalositse fa maikaelelo magolo a go bolotsa mophato e le go rotloetsa le go ruta morafe ka mowa wa boipelego le go tsaya boikarabelo mo go tlhabololeng morafe. “Go ipelega go tswa kgakala go eteletswe pele ke magosi le mo nakong e fetileng,” ga tlhalosa Kgosi Mookodi. 

O tladitse gore thulaganyo ya dikgafela ke sengwe sa metlhale e neng e dirisiwa ke Dikgosi ka mephato le morafe go itirela dijo. 

A re mo godimo ga se, thulaganyo ya go nna jaana e kopanya morafe jaaka Kgosi Malope II a solofetse gore makawana go tswa kwa metseng e e farologanyeng kwa kgaolong a tle go kopana, go itsane le go naalana maele. 

A re kago ya motse e simolola ka go bolotsa mophato, a tlatsa ka gore ka nako ya fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso, le ne le sena madi mme le ne le kgona ka boeteledipele jwa magosi, a tsaya boikarabelo jwa go tlhabolola merafe ka go dira ka mephato. 

A re tiro ya go bolotsa morafe ke go tlotlomatsa seriti le boleng jwa Kgosi yo o busang morafe ka nako eo. 

O tlhalositse fa  Kgosi Malope II a setse a boloditse mephato e metlhano; Maakapula (1970 – 1975), o Kgosi Mookodi a welang mo go one, Malosankwe (1976-1980), Maakathata (1981-1985), Malwelanaga (1986 1990) le Malwelakgosi (1991-1995). 

Fa a tlhalosa maina a fiwang mephato, Kgosi Mookodi a re go le gantsi, maina ao a tlhotlheletswa ke ditiragalo kgotsa diemo tse di diragalang ka nako eo. 

A re mephato mo GaNgwaketse e na le ditiro tse di bonalang e bile Bangwaketse ba ipelafatsa ka tsone jaaka kago ya dikwele tse dibotlana di tshwana le Maisankwe le Matsaakgang. 

Kgosi Mookodi a re dingwe tsa ditiro tse di dirilweng ka mephato ke ditsela di tshwana le e kwa Ntsweng, fa o tlhatloga go tswa kwa Prisons, le e tsamayang mo phateng e e kwa GooRamontshioa, ga mmogo le tamo ya Mmakgodumo. 

A re fa thulaganyo ya mophato wa makawana e sena go wediwa, jaanong go tlaa latela tiro ya go rulaganyetsa makgarebe ka Mohumagadi MmaGaseitsewe. 

Kgosi Mookodi a re go botlhokwa go rulaganya mephato ya makawana le makgarebe ka gore botlhe ba amiwa ke dikgang tse di tshwenyang mo setshabeng jaaka kgokgontsho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Jun 2026