Breaking News

Delta Automotive Technologies e akgoletswe tiro e ntle

02 Jun 2026

Mothusa ratoropo wa Lobatse, Rre Legodile Mothibi, o akgotse ba khamphani ya Delta Automotive Technologies kwa Lobatse, go itlhophela go thusa le go tshwaragana (Adopt-A-School) le sekole se segolwane sa Letsopa kwa Lobatse. 

Fa a bua kwa tshimolodisong  ya go baakanyana matlwana a boitiketso a sekole seo kwa Lobatse, Rre Mothibo o tlhalositse fa matlwana ao,  a sa le a sa bereke go tloga 2020 go fitlha mo nakong eno. 

A re Delta Automotive e rotloetsa thuto, ka e le nngwe ya ditshwanelo tsa setho. 

Rre Mothibi a re se ba se dirang ke bontlha bongwe jwa go tlhabolola setshaba se ba direlang mo go sone, jaaka ba hirile banni ba Lobatse ba feta makgolo a mararo mme e bile dipalo di tlaa oketsega mo isagong. 

O boletese fa khamphani e sa itebaganya le go dira letseno fela mme e kgathala ka botsogo le bokamoso jwa baithuti 

Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng Borwa, Rre Moalosi Rasesia o boletse fa maikaelelo e le go dira tshwaragano ya semmuso ya sennela ruri ya sekole sa Letsopa le Delta Automotive Technologies. 

Rre Rasesia a re go tsere nako e telele baithuti ba dirisa matlwana a seemo se se diphatsa, mme jaanonong se se diragalang, ke go busetsa tshwanelo ya setho ya baithuti ka gore ga gona ngwana yo o tshwanetseng go tlhopha gareng ga serite sa gagwe le thuto. 

Mookamedi wa Delta Automotive Technologies, Rre Darryn Hattingh, o tlhalositse fa bangwe ba baithuti, batsadi ba bone ba bereka khamphani mme ga ba jesiwa diwelang ke seemo sa matlwana a boitiketso a baithuti. 

Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Rre Barutwa Khwai, o lebogile ba Delta Automotive Technologies a re tiro e, e tlaa busetsa seriti, pabalesego, botsogo le kgomotso mo baithuting le barutabana. 

A re se, se supa fa khamphani e na le mowa wa bopelotlhomogi le boikarabelo, ebile ba itse botlhokwa jwa thuto mo go tlhabololeng setshaba. BOkhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Tshimolodiso ya go baakanyana matlwana a boitiketso

Date : 02 Jun 2026