Breaking News

Borre ba nonotsha serodumo sa lenyalo

28 May 2026

Borre ba mokwena ba tla thulanya ditlhogo ka Matlhatso ka go tshwara maitiso kwa kgotleng kgolo ya Bakwena mo Molepolole go tla go buisana le go abelana maele ka go sireletsa le go nonotsha serodumo sa lenyalo.

Kokoano eo, e rulagantswe ke lekgotla la borre la Young Fathers Forum. Molalediwa wa tlotla kwa maitisong ao ke Kgosikgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, yo tla itebaganyang le tsamaiso ya bogadi.

Mogokaganyi wa ditirelo tsa Young Fathers Forum, Rre Merapelo Karabo o kopile borre go tla ba feletse ka dijase go supa tota fa e le banna tia ka gore kgang e, e batla banna ka dijase.

A re lekgotla le, ga se gore ke la bosetlaboshane mo nyalong fela, mme gareng ga maloko kgotsa bagakolodi ba dikgang tse di buiwang go a bo go nale borre ba bagolo, ba ba sa bolong go tsena mo nyalong, ba ba nang le boitemogelo jo bo kwa godimo.

A re lekgotla la Young Fathers Forum le tlhamilwe ka ngwaga wa 2020 mo Molepolole ka maikaelelo a go fitlhelela borre ba ba magorogo masha mo lenyalong go ba ruta go itshokela dikgwetlho tse ba tla kopanang le tsone.

“Re le borre o fitlhela go sena kwa re kopanang teng go buisana ka dikgwetlho tse re di itemogeleng kgotsa go sena kwa re ka fiwang maele teng go re kgone re tshwarelele kgotsa re fitlhelele mo manyalong a rona,” ga latlhela Rre Karabo.

Rre Karabo a re fa e sale ba simolola lekgotla le ba itemogela kgolo ka ntlha ya koketsego ya dipalo tsa borre ba ba atlang pitso ya bone ya ngwaga le ngwaga.

“Mo dikgaolong tse dingwe ba eletsa gore re baetele jaaka kwa ga-Malete le kwa ga-Ngwaketsi jalo jalo. Jaanong selo se le rona se re gwetlha gore re tsharolole diphuka tsa rona go ya go abelana maele a lenyalo le bone ka gore matlo go sha mabapi” ga tlhalosa Rre Karabo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 28 May 2026