Ba le 380 ba abelwa ditsha tsa bonno
28 May 2026
Morago ga go leta dingwaga tse di masome mabedi go abelwa ditsha tsa bonno, baikopedi bangwe ba ngwaga wa 2006, ba simolotse go abelwa ditsha ke lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Thamaga.
Thulaganyo ya go aba ditsha tse 380, e simolotseng ka Mosupologo e solofetswe go wela mo bekeng tse pedi, mme e akaretsa ba ba ikopetseng ditsha tsa bonno mo Thamaga le Diphiring.
Ka ngwaga wa 2006 o le nosi, motse wa Thamaga o amogetse dikobo tsa ditsha tsa bonno di le 5 200.
Mo potsolotsong ka Labobedi, modulasetilo, Rre Frederick Malebye a re thulaganyo ya go bona lefatshe le go segwang ditsha tsa bonno mo go lone e mogoga moleele, ka e akaretsa ba-na-le-seabe ba ba farologanyeng, ka jalo seo se baka tiego mo go abeng ditsha.
A re mo nakong eno, bontsi jwa lefatshe le go segwang ditsha tsa bonno mo go lone le setse le abetswe batho e le masimo, ka jalo thulaganyo ya go le kopa le gore ba dumalane le lekgotla la kabo ditsha e kgona go nna le madiadia.
“Kgangkgolo ke gore re baya mo masimong. Re simolola pele re senka beng ba masimo re bo re buisana le bone gore re dumalane ka tlhwatlhwa. Tiego e tsalwa gape ke gore ga go nke go tlhoka ba ba ngodiegang ka mabaka a farologanyeng, bangwe e le dikgang tsa boswa fa bangwe ba setse ba na le keletso tsa go itiresetsa lefatshe leo ka fa ba eletsang ka teng,” ga tlhalosa Rre Malebye.
A re le fa ba kgonne go buisana le beng ba masimo a ka ntshang ditsha tsa bonno di le 800, bangwe ba saletse kwa morago mo go wetseng dipuisano tsa bone le lekgotlana a kabo ditsha.
Rre Malebye a re sengwe se ba ikaeletseng go se baakanya ke gore ba ba abetsweng ditsha ba seka ba diegelwa go fiwa ditlankana, ka jalo ba tla di fiwa mo nakong e sa fediseng pelo.
A re mafelo a susumetseng toropo jaaka kgaolo ya gagwe a tshabelelwa ke go amogela dikopo tse di kwa godimo ntswa go na le tlhaelo ya lefatshe.
“Re na le dipalo tse di kwa godimo fela thata. Thamaga a le nosi o na le dikopo tsa ditsha tsa bonno di feta 15 000 mme lefatshe le re setseng re le bonye re tla kgona go baya mo go lone go fitlha kwa moikopeding wa bo 2 500,” ga tlhalosa Rre Malebye.
A re kwa mafelong a mangwe a welang ka fa tlase ga lekgotlana la kabo ditsha la Thamaga, kwa Mmankgodi ba ba emetseng go abelwa ditsha tsa bonno ba feta 7 000, Ramaphate (14 000), Kumakwane (14 000), Gakgatla (7 000) le Kubung (4 000).
Rre Malebye a re le fa ba ikiteile sehuba go tlhomamisa gore baikopedi ba abelwa lefatshe ka bofefo jo ba ka bo kgonegang, ba tshwenngwa ke gore bangwe ba tseela ditsha tse, go di rekisa.
A re go ka nna kaone go rekisa bontlha bongwe jwa sekidinyana se o se abetsweng go na le go se fetisa sotlhe, mme morago motho a tswelele ka tshokolo ya go tlhoka bonno jo e leng jwa gagwe.
“Kana fa re go beile, re go beile, ga gona jaaka o ka bewa setsha se sengwe gape,” ga tlhalosa Rre Maleye a tlhaba setshaba podi matseba.
Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhaba podi matseba go ela thoko magotswana a itshemang e le bakanoki ba lefatshe, ka jalo ba felela ba ba tsieditse ka go ba direla mekwalo e senang boamaruri.
A re mo nakong eno ba tlhotlhomisa dikgetsi di ka tshwarang lekgolo tsa ditsha tse go dirisitsweng bakanoki ba ba sa tlhomamisiwang ka fa molaong.
Rre Malebye a re ba leka ka bojotlhe go lwanatsha tshenyetso setshaba mo makgotleng a kabo ditsha, a re ke jaaka ba tsweletse ka go rutuntsha babereki ka borai jwa go inaakanya le tshenyetso setshaba. BOPA
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Kabo ya ditsha
Date : 28 May 2026



