Breaking News

Salakae o gwetlha ba bogosi go rarabolola dikgang tsa kemedi

27 May 2026

Morafe wa Ghanzi o lela ka go tlhoka go bona thuso ya ditirelo tsa lephata la makgotla Setswana ka go santse go sena kgosi le mothusi wa gagwe kwa motseng oo.

Mme, seemo, se Mopalamente wa Ghanzi, Rre Noah Salakae a re seka rarabololwa ke baemedi ba malwapa a bogosi go tswa Goora Thamae le Setima gore morafe o tle o bone thuso.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ghanzi ka Mosupologo, Rre Salakae, yo gape eleng tona wa lephata la dipalamo le dikago, o kopile ba malwapa a monwana o ba supileng gore maemo a bogosi jwa Ghanzi a ba lebane, go direla morafe ka botswapelo, mme ba kgaphele kwa ntle dikgang tse di ka bakang tiego ya go baya dikgosi.

Rre Salakae o ne a tsibosa baemedi ba malwapa a bogosi go fefosa dikgang go itsa kgonagalo ya go patika puso go ba tseela ditshwetso.

 O supile fa tiego ya go tlhongwa ga kgosi le mothusi wa gagwe di tsala tiego mo ditirong tsa morafe tsa Setswana tsa go itepatepanya le go tsosolosa ngwao le tse dingwe jaaka go salela morago ga ditsheko tsa makgotla a Setswana.

Rre Salake o gateletse gore dikgang tsa bogosi di tlhokana le go tshwarwa ka matsetseleko e le tsela nngwe ya go dibela serodumo sa bogosi.

Mo go la gagwe, Kgosi Esau Molehele, go tswa kwa kgotleng ya Morama kwa Ghanzi, a re go tlhoka kgosi le mothusi wa gagwe, go ba beile ka fa mosing ka ba retelelwa ke go ntsha ditirelo tsa puso ka bonokopila.

Kgosi Molehele o gwetlhile ba bogosi go nna seopo sengwe ka megopolo gore dikgang dipe fela tse di ka tswang di ba tlhokisa boroko ba kope bagakolodi gore ba kgone go di rarabolola go dibela serodumo sa bogosi.

Fa ba a kgwa tona dikgaba, tona wa pele, Rre Johnie Swartz a re ba malwapa a go lebilweng mo go bone a bogosi, ba rarabolole dikgang tsa bone ka matsetseleko. 

Rre Swartz o ne a ntsha mogopolo wa gore ka morafe o babaletswe ke go tlhoka bogogi jwa bogosi, Rre Salakae a ba isetse kopo kwa go tona wa tsa lephata la dikgaolo le tsa ngwao,  go ba fa sebaka sa go itlhophela kgosana yo ka ene ba dumelang gore o ka nama a tukisa molelo mo lekgotleng.

Le fa go le jalo, Rre Salakae o ne a solofetsa morafe fa a amogela tshutiso ya bone mme a tlaa e fetisetsa kwa go ba ba maleba, gore morafe o kgone go bona dithuso tsa puso go santse go letilwe kgang ya moruthutha go wela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 May 2026