Moruti Senase o tlaa bolokwa ka Matlhatso
27 May 2026
Moeteledipele wa kereke ya Word To Africa, Reverend Phillip Senase, yoo tlhokafetseng Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe, o tla bolokwa kwa Molapowabojang ka Matlhatso.
Rev. Senase o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a ferabongwe le motso.
Moemedi wa lelwapa, Rre Moutlwatsi Moeti o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, gore moswi o ne a eteletse pele kereke ya Word to Africa go simologa ka ngwaga wa 1996 ka maikaelelo a go godisa lefoko la Modimo, kwa bathong ba ba kgakala le ditlamelo.
A re bontsi jwa nako, moswi o ne a abele ba ba tlhokileng lesego dijo le diaparo.
Rre Moeti o boletse gore mo tirong ya gagwe, Rev. Senase o ne a inaakantse thata le ditiro tsa setshaba a dira mo go feteletseng a sa ipone tsapa mo di nakong tse di ntsi.
Rre Moeti a re Rev. Senase o ne a tlotliwa ke banni ba Lobatse le metse e e mabapi, a itsege ka tsa tshidilo maikutlo, go direla setshaba, go rapelela balwetsi ga mmogo le go tlhoma baeteledipele ba diphuthego tsa dikereke ka go farologana.
A re Rev. Senase ke mongwe wa basimolodisi ba lekgotla la baruti mo toropong ya Lobatse ka dingwaga tsa bo 1970, a bolela fa a kile a nna modiredi wa tsa manyalo, jaaka a ne a letlanya malwapa.
Go ya ka Rre Moeti, moswi o tsholetswe kwa Sepopa ka ngwaga wa 1935, mme a dira dithuto tsa gagwe tse di potlana kwa Sepopa go feleletsa kwa sekolong sa Moremi III Memorial kwa a neng a fenya lokwalo lwa borataro ka ngwaga wa 1951.
A re moswi o ne a hirwa ke ba makgotla a Setswana ba Tawana Tribal Administration e le mokwaledi go simologa ka ngwaga wa 1952, a tlogela tiro eo, mme a hirwa ke ba matlhabelo a Botswana Meat Commission go bapatsa nama le ditswa kgomong kwa mafatsheng a a mabapi.
A re o ne a beraka a kopantse le go tsena sekole go simologa ka ngwaga wa 1975-1981, mme a tlhomiwa go nna moruti mo kerekeng ya Lontone (UCCSA) ka ngwaga wa 1983 pele ga a etelela kereke ya Word To Africa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsoloso
Date : 27 May 2026




