Banni ba Maape baa ipelega
27 May 2026
Kgosi Matshwenyego Rantsiapana wa Maape a re morafe o tsere tshwetso ya go ipopa setlhopha, go rema ditlhare tse di kitlaneng mo thoko ga tsela.
O buile se, fa a amogela mopalamente wa Tswapong South, Dr Kesitegile Gobotswang kwa phuthegong ya kgotla bosheng.
Kgosi Rantsiapana a re banni ba supile kgatlhego ka go ipopa setlhopha go ntsha ditlhare ka di godile thata, di sira bakgweetsi mo ba ka felelang ba bakile dikotsi.
O tlhalositse fa tsela eo, e na le ditlhare tse di kitlaneng thata, disana le dikhuti ka jalo e tshwara metsi ka lobaka, bogolo jang ka nako ya dipula.
A re ba setse ba ikuetse kwa khanseleng ya Mahalapye ka seemo se, mme ga go nko e tswang lemina.
Kgosi Rantsipana a re tsela eo, e botlhokwa thata ka e le yone e ba tshwaraganyang le metse e mengwe e bile e thusa go tsamaisa ditlhabololo.
A re le ntswa tsela eo e sa tshelwa sekontere e tshwanetse ya tlhokomelwa ka go nna e gopiwa kgapetsa-kgapetsa, mme mo nakong eno e se mo seemong se se sa itumediseng.
Fela jaaka banni ba Maape, ba Mhalapitsa le bone ba lela ka seemo sa ditsela, se se sa itumediseng, ka jalo ba kopile mopalamente, Dr Gobotswang go bua le ba lephata la ditsela go tsibogela seemo se.
Kgosi Johan Rakumako go tswa kwa Pilikwe o ne a supa fa tsela eo e na le dingwaga tse dintsi e sa gopiwe mme e setse e le dikhuti le gore motlhaba o setse o kokoanye mo go yone, ka jalo e le mo seemong se se sa babalesegang.
Fa a tsibogela matshwenyego a bone, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Outule Segolame o ne a tlhalosa fa didirisiwa tsa khansele tsa go baakanya ditsela di se mo seemong se se siameng mme a re e tla a re di siama ba tsibogele dilelo tsa bone.
Rre Segolame a re khansele e itse ka seemo sa ditsela tseo ka go farologana, ka jalo fa seemo se boetseng manno, e tla dingwe tsa tse di tsibogelwang ka bofefo jo bo ka kgonagalang.
Fa a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo, Dr Gobotswang o kopile banni go nna pelotelele ka lefatshe le santse le sena madi.
A re madi a fiwang dikgaolo a tsile go dirisiwa go tlhabolola metse ya bone ka go tsibogela matshwenyego a bone ka go farologana.
O lebogetse banni ba Maape go nna le kgatllhego ya go ntsha sekgwa se se kitlaneng se hupeditse tsela ya bone, morago fa go lemoga fa go tla tsaya nako ba emetse khansele gore e ba thuse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amantle Onneng
Location : Maape
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 May 2026




