Breaking News

St. John Gospel Church e abela ba le 120 dimpho

26 May 2026

Kereke ya St John Gospel Church kwa Tutume e abetse bana ba le 120 dimpho ka thotloetso ya ba Operation Christmas Child kwa Dukwi.

Dimpho tseo, tse e leng mephuthelwana e e nang le didirisiwa tsa sekole, tse di tshamekang le dibuka tsa Baebele, di abetswe bana ba ba dingwaga tse pedi go ya kwa go tse di lesome le bone kwa kerekeng eo ka Tshipi e le tsela nngwe ya go ngokela bana mo Modimong.

Morutabana wa sekole sa Tshipi, Mme Mada Bakgethisi o lebeogetse ba lekalana la Operation Christmas Child kwa Dukwi ka dimpho tseo tse a reng ba boletse fa le bone ba di amogetse go tswa mo Mosamarea yo Molemo go tswa kwa America.

O boletse fa ba ne ba ikgolaganya le lekalana leo gore ba akole meamuso eo gore ba kgone go ngokela bana mo kerekeng gore ba golelele mo Modimong. 

A re go botlhokwa gore bana ba itse poifo Modimo ba sa le babotlana ka jaana seo se ba betla gore ba gole ba na le boikarabelo mo setshabeng.

Mme Bakgethisi a re dimpho rtseo di botlhokwa ka jaana di neela bana sebaka sa go ithuta ka tsa sekole le gone go itse lefoko la Modimo mme a gwetlha bao ba ba di amogetseng go di somarela.

Moruti wa kereke eo, Rre Elias Modise le ene o ne a iteela dimpho tseo legofi a supa fa kereke e le lefelo le le agang bana, ka jalo a kopa batsadi go rotloetsa bana go tsena kereke.

O lebogetse le lone lekgotla le le ba fileng dimpho a re le dira tiro e ntle go dirisa dikereke go ralala lefatshe leno go gasa lefoko la modimo le gone go betla bana gore e nne batho setshabeng fa ba gola.

“Moono mogolo ke go aga le go betla ngwana go re a gole a na le boikarabelo mo setshabeng le go fedisa botlhokatsebe jo bo dirwang ke banana ba gompieno,” a tlatsa jalo Rre Modise.

O tsweletse a re go ngokela bana mo kerekeng go botlhokwa ka jaana e le bone babusi b aka moso.

E re dikgang di eme jalo, moruti a re o tshwenyegile thata ka batsadi bangwe  ba ba rekisetsang bana dinotagi, e bile bangwe ba  neela bana ba bone go ya go rekisetsa baithuti ba bangwe kwa sekoleng.

A re go dira jalo ke go tlhoka boikarabelo ga batsadi mme a kgala a sa kwe mathe mokgwa oo a re ke go senyetsa bana bokamoso. Rre Modise o kopile bao ba ba amegang go emisa mokgwa oo ka ponyo ya leitlho ka ba bolaya lefatshe le bokamoso jwa bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Kabo Dimpho

Date : 26 May 2026