Khama o rotloetsa batabogi go ipaakanyetsa mabelo
26 May 2026
Batabogi ba ba tlaa tsayang karolo mo mabelong a Sir Seretse Khama Marathon a a tlaa tshwarwang Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi, ba rotloeditswe go ikatisa nako e sa le teng.
Kgosi Khama IV wa Bangwato, a re Batswana ba tsenelele mabelo a a tshwarwang ngwaga le ngwaga, ka dipalo go itsa go phalwa ke batswakwa.
O buile se kwa Palapye jaaka fa go ne go simolodisiwa mabelo semmuso.
A re mo nakong e e fetileng, mabelo a ne a fenngwa ke batswakwa mme Batswana ba tshwanetse ba ititeye ka thupana gore e nne bone ba fenyang.
Kgosi Khama a re madi a a tlaa fenngwang a botoka, mme seo se tlaa ngoka batabogi go tswa kwa mafatsheng.
Lebelo la 42.2km le tlaa simolola kwaa Morupule Coal Mine go bapa le Palapye le bo le wela kwa lebaleng le legolo la metshameko kwa Serowe fa mabelo a mangwe a tlaa bo a tabogelwa kwa Serowe.
Mofenyi wa lone o tlaa ikgapela P40,000, fa yo o tlaa tsayang maemo a bobedi a tlaa fenya P30,000, maemo a boraro P20,000.
Yo o tlaa gaisang mo lebelong la 21km o tlaa ikgapela P10,000, maemo a bobedi P7,000 fa a boraro e tlaa nna P5,000.
Mo lebelong la 10km, mofenyi o tlaa atswiwa ke P 6,000, maemo a bobedi P 4,000 mme a boraro e nne P2,000.
Kgosi Khama a re bafenyi ba tlaa newa dimpho tsa bone ka letsatsi la Sir Seretse Khama, Phukwi a rogwa kwa Gaborone.
E tlaare ngwageng o o latelang, mabelo a tshwarelwe kwa Letlhakane.
Kgosi Khama o supile fa go tlaa nna le dikgaisanyo tsa borankana le kgwele ya dinao mme le tsone di bidiwa Sir Seretse Khama Competitions.
Dikgaisanyo tse, di tlaa tshwarelwa kwa kgaolong ya Tswapong borwa mme tshwetso ya gore di tshwarelwe kae e tserwe ke barotloetsi ba dikgaisanyo ba ngwaga ono.
E tlaare Phukwi a tlhola gane kwa Sefhare, go tshwarwe dikgaisanyo tsa borankana mme ka Lwetsi go tshwarwe dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao kwa motse Ramokgonami.
Ba ba tlaa tsayang maemo a ntlha mo dikgaisanyong tsa borankana le kgwele ya dinao ba tlaa atswiwa ka P25,000, maemo a bobedi P15,000 fa a boraro e tlaa nna P10,000, fa setlhopa sengwe le sengwe se se sa fenyang se tla atswiwa ka P2,500.. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Tshimolodiso Semmuso
Date : 26 May 2026



