Breaking News

Dikgotlhang tsa bogosi di a tshwenya

25 May 2026

Kgosi Gasebalwe Seretse wa Pilikwe a re o tshwenngwa ke dikgotlhang tsa bogosi tse di anameng mo kgaolong ya Tswapong borwa.

O ntshitse matshwenyego a fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tswapong borwa Dr Kesitegile Gobotswang kwa Pilikwe.

A re gangwe le gape go runya dikgang tse di amanang le gore kgosi wa kgotlana kana wa motse ke mang mme seo se bake dikgotlhang.

Ka jalo Kgosi Seretse a re gantsi go nna le ketsaetsego ya gore kgosi yo o tsenang fa yo mongwe a tlhokafetse kana a tlogetse ntateng ya bogodi kana mabaka ape fela, ke mang mme se se felele mo nakong tse dingwe se tsaya nako maemo ao a ise a bone motho.

O ne a supa fa gangwe le gape ba biletswa dikgang tsa dikgotlhang tsa bogosi mo kgaolong ya bone mme di felele mo nakong tse dingwe di tsaya nako go rarabologa.

Kgosi Seretse o ne a fa sekai ka dikgang tsa bogosi tse di kwa Mhalapitsa a supa fa kgang ya bogosi jwa motse oo e na le dingwaga e sa wele, a re go a tshwenya gore morago ga dingwaga go bo go santse go na le ketsaetsego ya gore bogosi ke jwa ga mang.

O ne a supa fa go le botlhokwa gore metse ka go farologana e ithulaganye mo go tsa bogosi mme e dire mokwalo o o supang gore bogosi jwa bone bo tsamaya jang ka tatelano go hema gore e re nako nngwe ba bo ba nna le ketsaetsego ya gore bogosi jwa bone bo tsamaya jang.

Mo go tse dingwe o ne a lekodisa mopalamente ka seemo sa letlhoko la metsi, a supa fa ba ne ba na le tsholofelo ya gore mo nakong eno seemo se tlaabo se tokafetse ka jaana ba nna mo lenyoreng le le utlwisang botlhoko. 

O ne a supa matshwenyego ka seemo se se sa itumediseng sa matlwana a boitiketso kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa bone.

A re matlwana ao a boitiketso, a baya baithuti mo diphatseng ka e le a modiro wa bogologolo wa mahuti e bile a sale a agiwa bogologolo sekole se agiwa ka jalo a setse a tletse. 

A re mo nakong eno baithuti ba a dirisa fela mme kotsi e ka nna ya diragala nako nngwe.

Fa a tsibogela kgang ya letlhoko la metsi kwa motseng oo, Dr Gobotswang o ne a supa fa mo nakong eno ba lephata la metsi ba setse ba wetsa kago ya tanka e e tlaa kgonang go nosa motse wa bone le metse e mengwe mo kgaolong ya bone ka jalo metsi a sennelaruri a tlaa nna teng mo motseng wa bone.

A re ba solofeditswe fa e tlaare ka kgwedi ya Phatwe metsi a bo a setse a anamisiwa mo kgaolong ya bone. 

Dr Gobotswang a re mo nakong eno Pilikwe le metse e mengwe ya Tswapong borwa o neelwa metsi go tswa kwa Mahalapye.

O ne a kopa banni go nna kelotlhoko thata le go nna podi matseba ka kgang ya bolwetsi jo bo tlhagogileng jwa tlhako le molomo mme ba sale morago ditaelo tsotlhe tse ba di neelwang go bo lwantsha.

A re go tshwanetse go dirwe go le gontsi go lwantsha bolwetsi jo ka bo ne jwa felela bo tsene kwa polaseng ya puso e e tlhokometsweng thata e bile e na le dikgomo tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo.

Fa a bua ka tsa temo, Dr Gobotswang o ne a supa fa pula e ne ya na ka bokete mme balemi ba felela ba sa roba sepe se se kalo ka metsi a ne a senya dijwalo ka bontsi.

 A re o na le tshepo ya gore puso e tlaa ntsha lekoko go tsamaya le dikgaolo ka go farologana go tlhatlhoba gore temo ya gompieno e tsamaile jang.

O ne a lekodisa banni ka dikgang tsa palamente e e fetileng a supa fa e ne ya sekaseka lenaneo la bo lesome le bobedi la ditlhabololo ya ba ya lebelela le lenaneo la madi a kakanyetso a ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Pilikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 May 2026