Breaking News

Twantsho ya tlhako le molomo e tlhoka banna ba ititeile sehuba

25 May 2026

E re ka jaana go tlhagoga ga tlhako le molomo go kgautlhantshe lekalana la thuo mo borwa kgotsa Zone 11 le yone itsholelo ya lefatshe bangwe barui,badirelapuso le setshaba ka kakaretso ba tsweletse ka maiteko a dirwang ka mowa wa boithaopo go rotloetsa ditiro tse di ka thusang go laola le go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo.

Bosheng, badirelapuso ba kgaolo ya Kweneng ba eteletswe pele ke Kgosikgolo Kgari Sechele III, yo o neng a emetswe ke mothusi wa gagwe, Kgosi Lawrence Mhaladi le moalodi, Mme Segomotso Nkwane ba ne ba eteletse mophato wa badirelapuso, ba ba neng ba ithaopile go ya go thusa mo tirong e tsweletseng ya kago sesha ya terata ya taolo mathoko a leruo ya Lephepe.

Terata eo, e mo molelwaneng wa kgaolo tsa Mahalapye, Kweneng le Kgatleng.

Ba dirile jalo go tlaleletsa maiteko a tsweletseng a go tsosolosa terata eo, a dirwang ke barui le morafe ka kakaretso.

Kgosi Mhaladi a re go botlhokwa go etleetsa maiteko a dirwang ke setshaba. A re bolwetse jwa tlhako le molomo bo mashetla, bo ama motswana mongwe le mongwe, mme e bile bo anamisiwa gape ke batho.

 “Se nka se kopang mo Batswaneng ke gore a re seka ra gatelela dikgomo, re di tshabisang kwa mafelong a nang le bolwetse, go ya kwa bo seyong teng, ka gore seo e ka nna borai jo bo seng kana ka sepe,” ga tlhalosa Kgosi Mhaladi.

O kgothaditse barui go tswelela ba reetsa le go diragatsa dikgakololo tse di ntshiwang ke ba lephata la matlhoko a leruo.

Molaodi wa Kweneng, Mme Nkwane a re badirelapuso ba dira se go tsibogela seru se se wetseng lefatshe sa bolwetse jwa tlhako le molomo.

Mme Nkwane a re sengwe se se dirwang ke go baakanya diterata tse di laolang matlhoko a leruo jaaka banni ba metse ya Lephepe, Sojwe, Loologane le metse e mengwe e mabapi ba tsweletse ba dira.

“Ba ntse ba dira jalo ba le nosi, jaanong re bonye go tlhokafala gore mo letsatsing le, re ba tswe thuso, re le badirelapuso ba mephata ka go farologanang go tswa mo kgaolong ya Kweneng. Bontsi jwa se re se dirang mo letsatsing la gompieno ke go ntsha ditlhare. jaaka lo bona, terata e ole.

“Molaetsa o motona o nka o neelang setshaba ke gore a re tshawaraganeng re dire re le mmogo, re bone gore re babalela itsholelo ya lefatshe la rona. Motswana o tshela ka temo-thuo, jaanong go botoka fela thata gore re tshwaragane, e re jaaka bolwetse bo tsile jaana re bo heme ka go bo kganela, re baakanye diterata, re dirisane mmogo, re haphe dikgomo, re dise,” ga tlhalosa Mme Nkwane.

Brigadier Ephraim Marman, yo okametseng kampa ya masole ya difofane ya Thebephatshwa a re tiro ya bone ke go sireletsa setshaba ka nako tsotlhe le go sireletsa mo dibetsong dipe tse se ka lebaganang le tsone.

Ka jalo a re fa mokgosi o kuelwa ba tsiboga jaaka ba dira mo nakong eno go thusa mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo. A re ba ne ba tsibogela kopo ya ga moalodi, ka jalo ba thusa ka sepe se ba nang le sone.

“Re ntshitse masole gore ba tle go thusa ka go rema ditlhare, re ntshitse le dijo, sepalamo le metsi. Se se botlhokwa ke go bona gore Batswana ba sireletsegile ka nako tsotlhe,” ga tlhalosa Brigadier Marman.

Moemedi wa temo-thuo kwa Kweneng, Rre Seabelo Molefi a re bolwetse jwa tlhako le molomo bo mo zone 11, ka jalo go botlhokwa go tsiboga ka go dira sepe se se ka kgonwang.

Rre Molefi a re lefatshe le wetswe ke seru ka go se motlhofo go bo laola go sena dikganedi tse di bonalang jaaka terata.

“Re fano re tshela barui malepe, re utlwaletse gore barui ba le 142 ka kwa kgaolong ya Mahalapye le ba le 224 ka fa kgaolong ya Kweneng, ba itlhaopile go tsosolosa terata. . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Lephepe

Event : Potsolotso

Date : 25 May 2026