Breaking News

Banana ba Rotloediwa go Itlhatlhobela Mogare wa HIV

25 May 2026

Mme yo o tshelang le mogare wa HIV, Mme Boipelo Lekolori o rotloetsa banana go itlhatlhobela mogare wa HIV.

Fa a bua ka letsatsi la mafatshe fatshe la go tshuba kerese go gopola botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya bolwetsi jwa AIDS kwa Lobatse ka Sontaga, Mme Lekolori o tlhalositse gore go fitlhelwa ka mogare ga se phelelo ya botshelo, ka e le sekao sa gore motho o ka tshela lobaka fela fa a sala ditaelo tsa ba botsogo ka kelelelo le gone go iphapha.

O gateletse gore go botlhokwa go tshegetsa ba ba tshelang le mogare, go emisa kgethololo le go ba fa lerato ka seo se ka ba fa tsholofelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Segopotso sa HIV

Date : 25 May 2026