Breaking News

Ookeditse O Tlaa Simolodisa Segopotso Sa HIVAIDS

21 May 2026

E tlaare ka Tshipi kwa Lobatse, mothusa tona wa lephata la botsogo, Rre Lawrence Ookeditse a simolodise mengwe ya  moletlo e tlaa tshwarwang go go baakanyetsa letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa bolwetsi jwa AIDS monongwaga. 

Letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa AIDS le tlaa tshwarwa  kwa mafelong a ngwaga ka kgwedi ya Sedimonthole a rogwa kwa Lobatse. 

Moono wa segopotso sa bolwetsi jwa AIDS ke go gopola ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya bolwetsi jo. 

Molomaganya ditirelo tsa bolwetsi jwa AIDS kwa Lobatse , Rre Kebonyemodisa Marumo a re tiro eo e tlaa tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo sa, ‘Bonesa Letlotlo. Gakologelwa. 

Tswelela. Tsaya Kgato’ mme e rulagantswe ke lekalana la National AIDS and Health Promoti1on Agency (NAHPA) le la Botswana Network of People Living with HIV and AIDS (BONEPWA) ba tshwaragane le morafe le boeteledipele jwa Lobatse. 

Rre Marumo o supile gore e tlaare mo maitseboeng a letsatsi la Tshipi go tlaa tshubiwa kerese e kgolo kwa Lobatse Civic Center e le nngwe ya ditirelo tse di tlaa simolodisang segopotso monongwaga. 

A supa jalo gore metseletsele ya ditirelo tse dingwe e tlaa latela e e akaretsang go tshwarwa ga merapelo kgatlhanong le AIDS - Month of Prayer Against HIV/AIDS, e e tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Lwetse mme ditirelo di tlaa tswelela jalo ka go latelana go fitlhela segopotso sa mafatshe-fatshe se tshwarwa ka Morule a rogwa. 

O supile fa ntwa kgatlhanong le kanamo ya bolwetsi jwa HIV/AIDS e se kgang ya letsatsi le le lengwe, a re ke ka moo puso e tsweletseng ka go dira gotlhe gore ope a seka a salela kwa morago mo ntweng kgatlhanong le bolwetsi jo, go akaretswa bana, bagolo, banana, ba-na-le-bogole, batho ba ba tshelang le mogare, le batlhokomedi ba balwetsi. 

Ka jalo, a re go tshubiwa ga kerese go tlaa etelelwa pele ke batho ba ba tshelang le mogare wa HIV ka e le bone konokono ya segopotso le gone go supa gore fifing go tshwaranwa ka dikobo. 

Mo godimo ga moo, mogolwane yoo a re maikaelelo a segopotso kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS ke go gopola botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya bolwetsi joo, go naalana maele le go abelana dikitso tse disha mabapi le mogare wa HIV/AIDS ka dipatliso di tsweletse ka go dirwa. 

A re seemo se ntse se a fetoga mo ntweng kgatlhanong le mogare lefatshe ka bophara ka jaana mo nakong e go setse go na le gore motho o ka tsaya mokento ARV ntleng le dipilisi mme seo se diragala kwa mafatsheng a mangwe fa mo Botswana go ise go simololwe. 

Rre Marumo o supile gape gore fa motho a tsaya diritibatsi tsa mogare sentle mme mogare o bo o kgona go ritibala go na le kgonagalo ya gore go nne thata gore o ka o fetisetsa kwa mokapelong wa gagwe mme tseo ke dingwe tsa dikitso tse disha. 

Rre Marumo o ne a supa gore mo nakong eno dipaakanyo di tsweletse sentle mme e bile melaetsa ka bolwetsi jwa AIDS le mogare wa HIV di tsweletse ka go gasiwa kwa mafelong a a farologanyeng mo toropong ya Lobatse le kwa mafelong a mangwe go ralala lefatshe leno. 

O ne a supa gape gore Lobatse ke nngwe ya ditoropo tse go lemogilweng go na le thitibalo ya mogare wa HIV ka gore go ya ka dipatlisiso tsa ngwaga wa 2022 tsa Botswana AIDS Impact Survey bokete jwa mogare kwa Lobatse ke 13.4 per cent (HIV prevalence) mme mo Botswana jotlhe HIV Prevalence ke 20.8 per cent ka jalo go a supega gore toropo eo e amilwe ke bolwetsi joo mme e seng thata. 

O tlhalositse gore ka letsatsi la Tshipi la go tshuba kerese, go tlaa nna le metlaagana (stalls) ya makalana otlhe a a amegang mabapi le bolwetse jwa HIV/AIDS.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 21 May 2026