Breaking News

Tshwaragano ya mapalamente e ka thusa go lwantsha tlhako le molomo

21 May 2026

Banni ba  Seleka kwa Tumasera ba kopile gore mapalamente a Tswapong borwa le Tswapong bokone ba tshwaragane le morafe go lwantsha bolwetsi jwa tlhako le molomo jo bo amileng kgaolo ya Tswapong.

Fa ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tswapong borwa, Dr Kesetigile Gobotswang ka Labobedi, banni ba kopile gore mapalamente ba eme ka dinao le morafe go baakanya terata e kgaoganyang melelwane ya dikgaolo tsa taolo mathoko a leruo.

Banni ba supile gore go emela gore puso e baakanye terata go  ka diega, ka jalo go tlaa nna botoka gore morafe o tseye boikarabelo jwa go baakanya terata.

Mo dikgannyeng tse dingwe, banni ba ngongoregile ka go tlhoka sekole se segolwane, ba supa fa bana ba sokola fa ba fetsa Mophato wa Boraro ba romelwa go tswelela dithuto kwa Shoshong, le fa ba le gaufi le sekole sa Lotsane kwa Palapye. 

Ba tlhalositse go nna bokete go tlhola bana kgapetsa , ka jalo ba kopa gore kgang ya gore ban aba amogelwe go dira Mophato wa bone kwa sekolong se segolwane sa Lotsane.

Kgosi Kobe Baitswi o supile gore motse o na le mathata a le mmalwa, go akaretsa letlhoko la metsi.

“Re lela ka letlhoko la metsi mo Seleka. Kwa Sekolong sa Sesholo ke mathata fela ka ntlha ya go tlhoka metsi. Ke ipotsa gore barutabana ba tlaa ntsha jang maduo fa seemo se ntse jaana,” ga bua Kgosi Baitswi. O tlhalositse fa  maranyane a ditlhaeletsano a sokodisa kwa Motseng wa bone, mme go buisana ka megala ya letheka go ntse go le bothata. 

“Lephata la kabo ditsha ga le re lekole, le fa ele gone go tshwara diphuthego tsa kgotla. Sale re ba bona bogologolo fa o buisa phuthego, mme le tsone ditsholofetso ga diragadiwe,” a tlhalosa.

Kgosi o ne a tlhalosa gape gore thobo ya ngwaga ono e amegile ka ntlha ya masimo a a amilweng ke pula le merwalela. O lebogile lephata la temo-thuo ka go tla go iponela seemo ka matlho.

Kgosi Baitswi o kopile  puso potlakela go baakanya tsela ya Palapye–Martin’s Drift, ka e le botlhokwa thata mo kgaolong.

Fa a akgela ka bolwetsi jwa tlhako le molomo, Dr Gobotswang o supile gore naga e apesitswe ke bolwetsi jo.

“Re santse re tsile go goga bokete. Kgakololo ya rona ke gore go dirwe melolwane e mesha, le gore dikgaolo tsa taolo mathoko a leruo di fokodiwe bophara gore go nne bonolo go tlhokomela terata le go tlhodumela leruo sentle,” ga tlhalosa Dr Gobotswang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : SELEKA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 May 2026