Breaking News

Mopalamente o kopa gore madi a sechaba a dirisiwe sentle

20 May 2026

Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa o kopile gore madi a setshaba a dirisiwe ka kelelelo.

Dr Kesitegile Gobotswang a re dibui ka go farologana, ba ba neng ba bua kwa phitlhong ya tautona wa pele, Dr Festus Mogae, ba supile fa a ne a le matsetseleko mo go diriseng madi a setshaba.

“A re itshekatshekeng Batswana betsho, re direng dilo sentle,” Dr Gobotswang a gakolola fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Seleka, Tumasera.

Dr Gobotswanang a re, go simolola fela kwa dikomiting tsa ditlhabololo tsa motse go ya kwa go goromenteng yo motona, a madi a setshaba a seka a gopelwa.

A re lefatshe le tlhoka babusi ba ba tshwanang le Dr Mogae, go babalela ebile ba gana go senyetsa setshaba.

Fa a bua ka NDP12, Dr Gobotswang o supile fa kgang kgolo mo kgaolong e le dieemo tsa dikole.

“Seemo ga se fetoge ebile, o kare go senyegela pele. P1.3 billion ke madi a gotweng re tlaa baakanya dikole, mme a mannye, ga a kake a lekana,” Dr Gobotswang a supa a bo a tlatsa ka gore, kgaolo e solofetse go le gontsi mo leananeong le.

Dingwe tsa ditsholofelo tsa kgaolo ya Tswapong Borwa ke sekole se se golwane, khansele ya kgaolo e e tletseng le lefelo la metshameko gareng ga tse dingwe.

Dr Gobotswang a re banni ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba seka ba ikata tlhogo ka go touta gore ditlhabololo tse di tshwanetse go agiwa mo metseng efe.

“A re tshepheng ba ba rutetsweng tiro ya go ala mealo e ka gore, fa re ka re rona banni re di toute, re tsile go gotlhagotlhana e be re palelwa ke go tshwaragana,” Dr Gobotswang a gakolola.

Fa a bua ka ditsela, Dr Gobotswang o supile fa goromente yoo tlhokomelang ditsela a supile fa a tlaa baakanya dingwe tsa ditsela, go rotloetsa kgolagano mo kgaolong.

Ditsela tse di akaretsa ya Seleka-Mokobeng, Seleka-Rrammai, Seleka-Ramokgonani, Pilikwe-Maape le Moshopha-Shakwe gareng ga tse dingwe.

A re go a lebosega gore goromente o mosha o dumalana le banni ba Tswapong gore ba tshwanetse go akola meamuso ya noka ya Limpopo, mme ka sekgwama sa puso se santse se sa ema sentle, kgang ya teng e santse e eme.

“Re batla go baya masimo le rona gaufi le noka e, re batla go tshwara ditlhapi, re dire le bojanala. Mme ke tsholofelo ya rona gore fa seemo sa itsholelo se tokafala, re baakanye kgang e,” Dr Gobotswang a supa.

A re gore Batswana ba tshwanetse go kopa go akola meamuso ya noka ya Limpopo go a swabisa.

Dr Gobotswang a re nako e gorogile gore kgaolo ya Tswapong Borwa e tlhame ditiro ka go fetola merogo le maungo (agric processing).

“ Re tlamega go ema ka dinao gore bana ba rona ba bone mebereko,” Dr Gobotswang a kgothatsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : SELEKA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 May 2026